Ba ngongorega ka go diega ga didirisiwa
30 Mar 2014
Makhanselara a kgaolo ya Borwa a ngongorega ka go tsisiwa morago ga nako ga didirisiwa tsa kago tsa lenaneo la Ipelegeng mo ba bolelang fa go dia ditlhabololo go tswelela mo dikgaolong tsa bone.
Ba ngongoregile jalo fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang, fa a bula dipuisano tseo bosheng.
Ba boletse fa ba sa itse gore madiadia a a tswa fa kae, gore ditsompelo tsa ipelegeng di bo di tsaya lebaka le leele mo go ebile go kgoreletsang badiri go dira tiro e felela ka nako e e tshwanetseng.
Ka bongwefela jwa pelo, makhanselara ba boletse fa ditiro tsa ipelegeng di tsaya nako go fela ka gore ditsompelo di tla morago ga nako gape di se mmogo, mo tla fitlhelang badiri ba ipelegeng ba ntse fela ba sa dire sepe.
Ba kopile ba ba rekang gore ba berekele mo nakong gore ditlhabololo di seka tsa salela morago mo go ka bakang gore puso e senyegelwe ke madi ka gore dilo di turela pele.
Ba boletse gape fa lenaneo la nyeletso lehuma le lone le na le madiadia ka gore batho ba baneng ba tlhophilwe go thusiwa e bile ba tseneleletse dithuto kwa motseng wa Dikhukhung ba sa ntse ba ise ba bone tse ba di solofeditsweng, fa bangwe di tla di kgaogane.
Ba kopile puso go bona gore mananeo a ntshitsweng a diragadiwa sentle, e seng go dia batho ba ba nang le keletso ya go intsha mo lehumeng.
Ba ngongregile gape ka mananeo a thusang banana, ba bolela fa go ntshitswe madi a mantsi go thusa banana mme dikgwebo tsa bone ka bontsi di phutlhame ka ntata ya go tlhoka go salwa morago ke bodiredi.
Makhanselara ka bontsi ba boletse gape fa ditsela mo kgaolong ya Borwa di le mo seemong se se sa itumediseng gotlhelele morago ga dipula tse di neleng bosheng, ba kopa khansele go berekela mo nakong go thusa go bakanya ditsela tseo, ba bolela fa dikoloi di sena kwa di tsamaelang teng.
Ba boletse fa ditsela tsotlhe di sa tsamaege mme go kgoreletsa gore khansele e ise ditirelo kwa merafeng ka bonako.
Le fa madi a tlhaela, go tshwanetse ga dirwa sengwe ka bonyenyane jo bo leng teng. Ba bile ba ngongorega ka boraditerekere ba ba boletseng fa ba duelwa morago ga nako, ba bolela fa go ba kgoba marapo go lemela batho. Ba akgotse balemi go bo ba lemile ka bontsi, ba bolela fa batho ka bontsi ba tla ora molelo wa mariga mme botlhoki bo fokotsege. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 30 Mar 2014






