Tirelo Setshaba e a simologa
27 Mar 2014
E tla a re kgwedi e e tlang e rogwa lenaneo le lesha la tirelo setshaba le bo le simologa.
E rile fa a rolela phuthego ya khansele ya Borwa e e tsweletseng kgang, mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la banana, metshameko le ngwao Rre Jefferson Siamisang a re, go tserwe banana ba le 15 000 mo go ba ba 26 000 ba ba neng ba ikopetse go tsenngwa mo lenaneong leo.
Rre Siamisang a re, gone go sa kgonagale go amogela baikopedi botlhe ka jaana madi a ne a tlhaela go ka dira jalo. Rre Siamisang o tlhalositse gore tirelo setshaba ya monongwaga e farologana le ya dingwaga tse di fetileng ka gore banana ba ne ba direla kwa eseng magae a bone, mme a supa fa gompieno ba nale sebaka sa go itlhophela kwa ba batlang go direla teng le fa ba ka kgonang teng.
O gateletse gore tirelo setshaba ga se tiro, ke mogopolo wa go tsenya banana mo maphateng a a farologaneng a puso gore ba ithutele tiro, ba tle ba nne le botsipa jo bo tlhokafalang mo itsholelong ya lefatshe leno.
Rre Siamisang o tlhalositse gore, “ Banana ba, ba tla a fiwa P500 mo letsogong, go bo go nna le P200 yo o tla a tsenngwang mo bukaneng ya polokelo e e nang le morokotso, e bile gone go tsewa banana ba ba nang le dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome a mararo.”
O tsweletse a tlhalosa gore, e tla a re fa lenaneo leo le sena go simolodisiwa semmuso ke Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama ka Moranang a tlhola gangwe kwa Gaborone, go nne le komiti e e tla yang go tsaya botsipa kwa mafatsheng a a nang le botsipa jwa lenaneo leo jaaka kwa Ghana.
Fa ba akgela mabapi le lenaneo, mokhanselara wa Manyana Rre Peter Sethibe a re, o batla go itse gore go dirisitswe botsipa bofe go tlhopha banana ba ba yang tirelo setshaba, a fa sekai ka motsana wa Bikwe a supa fa o sena ditlamelo, ka jalo banana ba teng ba ya go tlhoka maroko e bile a batla go itse gore go ya go dirwa jang ka bone.
Mokhanselara wa Pitseng Rre Abram Dibeela, ene o kopile gore banana bao ba dirisiwe thata mo mhameng wa temo-thuo ka gona le tiro e ntsi thata e bile molemisi a dira tiro e ntsi a le nosi go sena mothusi.
Mokhanselara wa Pitshane-Molopo Mme Pandor Dorah, o ngongoregetse madi a bana bao ba tlaa bong ba a fiwa, a supa fa go tla a bo go tshwana fela le Ipelegeng e bile a gatelela fa a sa lekana go tlamela mmereki.
Fa a araba dipotso le dikakgelo tsa makhanselara Rre Siamisang a re, gone go tlhophiwa banana botlhe ba ba neng ba ikopetse lenaneo la go boela sekolong gore ke bone ba tsene mo lenaneong le.
O tsweletse a re, gape go ne go tsewa banana ba mophato wa bosupa ba ba saleng ba feditse bogologolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 27 Mar 2014






