Itholo ditiro e naya benggae dithata tsa itsholelo
27 Mar 2014
Go ithola ditiro ga goromente yo motoa le yo mmotlana, ke yone tsela e e siameng ya go tsamaisa puso. Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikhansele (Botswana Association of Local Authorities) BALA, Rre Mpho Moruakagomo.
Rre Moruakgomo o ne a lekodisa batsaya dikgang ka Labobedi ka dithulaganyo tse di dirwang tsa go tshwara phuthego ya lekgotla leo ka Motsheganong a le 13 go fitlha a le 15. A re ka go ithola ditiro, beng gae ba tlaa nna le sebaka sa go nna le seabe ka go ntsha megopolo le go itse ka dikgang le meamuso e e amang matshelo a bone.
A re ba dumela gore dikhansele le tsamaiso ya tsone di dirwa ke batho ka gore batho ba ba amegang ke bone ba ba dirang gore di diragale. A re batho ka bongwe le morafe ba itse se ba se batlang botoka ebile ke bone ba ba ba kgonang go tsaya ditshwetso tse di ka dirwang. a re o dumela gore e le ditshaba, ba tshwanetse go letlelela batho go itsaya boikarabelo mo matshelong a bone.
A re go ithola ditiro mo go siameng go ka dira gore morafe o nne le bokgoni jwa go itse gore tharabololo ya mathata a bone e tswa mo go bone. Phuthego eo e ne e na le setlhogo se se reng ‘Go ipelela dingwaga tse 30 tsa go tlhabolola tsmaiso ya dikhansele.
Lekgotla la BALA le tlaa buisanya ka dikgang tse di ka tswelang Botswana mosola . O boletse gape gore jaaka e le dikhansele ba tlaa bo ba ipelela ngwaga wa ditlhabololo tsa dikhansele a tlatsa ka gore 2014 ke ngwaga wa mafatshefatshe wa go tlhabolola dikhansele mme o ipelelwa lefatshe lotlhe ka kakaretso.
A re go ipela moo go kopane le dingwaga tse 30 lekgotla la BALA le ntse le tlhamilwe jaaka mmuuso o mmotlana mo lefatsheng leno. A re go ipela mo go kabo go sa bolo go tshwarwa ngwaga o simologa, mme bothata ya nna ditshwarego tse dingwe tsa setshaba jalo ga seka ga kgonega mo ngwageng o o fetileng.
Rre Moruakgomo a re lentswe la dikhansele le tshwanetse go utlwala le bo le nne le seabe mo go baakanyeng seemo sa ditlhabololo tsa boditshabtshaba ka dingwaga tsa bo 2015.
O boletse gape gore go santse go na le go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa gore mananeo a ditlhabololo a mafsthefatshe a Millenium Development Goals a diragdiwe ka a le botlhokwa mo ditlhabololong.
Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe o solofelwa go bula moletlo oo semmuso. Go solofelwa gape gore moletlo oo o tsenwe ke baemedi ba mekgatlho e e seng ya puso go tswa mo kgaolong eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Tekodiso ya babega dikgang
Date : 27 Mar 2014






