Breaking News

Mapodisi a ntsha setopo mo nokeng

27 Mar 2014

Mapodisi a Sehithwa a ntshitse setopo sa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi mo nokeng ya Lake Ngami.

Mookamela mapodisi  a Sehitwa, Superintendent Zakes Masike o rurifaditse se mo potsolotsong, a tlhalosa fa rre yoo, e le motshwara ditlhapa  mme a ne a nyelela ka Labotlhano a le mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi ya go tsoma ditlhapi.

A re, badiri ka ene ba boletse fa a ne a tsena mo nokeng ka nako ya bobedi mme a tsena ka ga re itse. O tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re ka Matlhatso ba begela ba sepodise go ba tshologa mokgosi ka go ne go sa supagale fa rre yoo a tla boa.

Superintendent Masike a re ba ne ba kuela mokgosi kwa go ba sesole mme ya re ka letsatsi la Tshipi ba kgona go ntsha setopo sa rre yoo mo nokeng ka nako ya 1030hrs.

A re, ke tiragalo ya ntlha e diragala morago ga gore letsomo la ditlhapi le rebolwe kgwedi eno e  rogwa. O ikuetse mo batshwaring ba ditlhapi go nna podi matseba ka jaana noka ya Lake Ngami e le borai mo matshelong a bone.

A re, ba tshwanetse ba tsena ba le segongwana mo teng gore fa go ka diragala sengwe ba bangwe ba kue mokgosi go sa le nako gore ba thusiwe ka bonako.

E re dikgang di eme jalo, ngogola ba sepodise ba ne ba bega fa ba ne ba kwadisa dintsho di le tlhano tsa batho ba ba nwetseng mo nokeng eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Pego Ya Mapodisi

Date : 27 Mar 2014