Makhanselara a ngongorega ka ditsela
27 Mar 2014
Makhanselara a Kgatleng ba ngongorega ka ditsela tse di seng mo seemong se se siameng sogolo jang tse di tshwaraganyang Olifant’s Drift le Ramotlabaki, Leshibitse le Mosomane.
E rile makhanselara a akgela mo puong e ba neng ba e beilwe pele ke modulasetilo wa Khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi ka Labobedi, ba supa fa ditsela tse di golaganyang metse eo di baya matshelo a batho diphatseng mme e bile di senya dikoloi.
Fa ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mosomane Botlhaba, Rre Thonana Kegapetswe, a re dipula tse di neleng monongwaga di gakaditse seemo sa tsela e e tshwaraganyang Mosomane le Kgomodiatshaba, a tlatsa ka go supa fa e tlhotlhorile dikoloi tsa khansele.
A re fa pula di nele jaana tsela eo ga e tsamaege gotlhelele. A re khansele ga e sekegele seemo se tsebe le ntswa se le borai thata, ka e bile e feditse le dikoloi tsa mmuso, a tlatsa ka go kopa modulasetilo gore bogolo ba ba tswe thuso ka go ba agelwa melelwane e e tlaareng fa dipula di nele thata e gogope metsi ea ntshe mo ditseleng ka jaana dingwe e setse ele megobe.
Mokhanselara wa Oliphant’s Drift Rre Letsebe Letsebe le ene o ne a lela selelo se le sengwe tebang le tsela ya motse oo le Ramotlabaki.
A re khansele e tshwanetse ya potlakela go ba thusa, ka seemo se ile masweng.
Mokhanselara wa Bokaa Rre Gerald Bodika, ene a re botsogo jwa Batswana bo mo diphatseng ka jaana balwetse ba tsewa madi gore a ye go tlhatlhobiwa mme fa ba setse ba tla go tlhola maduo, gore ba itse seemo sa bone kana gore b aka tswa ba lwala eng, go nna le dikgang tsa gore maduo ao ga a bonwe mme ka jalo ba tshwanele ke go tsewa madi gape.
A re se ga se a siamela botsogo jwa bone ka bangwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo ka mabaka a go tlhoka go bona thuso ka nako.
O ne a bolela gape fa letlhoko la dipalamo kwa dikokelwaneng le lone ele kgwetlho fela e tona ka gore balwetse ba kgona go nna lebaka le leleele ba emetse koloi ya kokelo go ragosediwa kwa kokelong, a tlatsa ka gore seo se baya botsogo jwa bone mo diphatseng.
Makhanselara ba kopile modulasetilo go sekaseka diemo tse gore setshaba se tle se bone dithuso tse di maleba le go somarela matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 27 Mar 2014






