Mogodi o ipelela matsalo
26 Mar 2014
E re ntswa go bolelwa fa dingwaga tsa go tshela di ile kwa tlase mo lefatsheng leno, go sa ntse go na le bangwe ba ba fitlhelelang dingwaga tse dintsi tsa botshelo.
Mongwe wa bone ke lebutswapele la motse wa Lerala, Rre Baingotli Makono. Fa o bona Rre Makono o ka tsaya fela gore dingwaga tsa gagwe ga di kalo ntswa a tshedile dilemo di le mmalwa ka o sa ntse a itekanetse.
Mo potsolosong kwa moletlong wa go ipelela matsalo a gagwe bosheng, Rre Makono yo o nang le dingwaga di le lekgolo o boletse fa a tshotswe ka kgwedi ya Hirikgong e tlhola gangwe ka ngwaga wa 1914. A re ke ngwana wa ntlha wa ga Mme Mmampa le Rre Makono mme o ne a tshotswe le bokgaitsadie ba ferabongwe mme ba setse fela ba le barataro ka ba le bararo ba iketse badimong.
Rre Makono, yo o boletseng fa ene le mohumagadi wa gagwe yo o saleng a tlhokafala ka ngwaga wa 1964, ba ne ba segofaditswe ka bana ba ferabongwe mme go setse ba le bararo fela. A re o na le dikokomane di ferabobedi.
O boletse fa ka nako ya fa a ntse a tlhalefa motse wa Lerala o ne o le fa gare ga dithaba tse di bapileng le one mme fa nako e tsamaya motse wa fudugela fa o leng teng mo bogompienong.
A re ditlhabololo tse di mo Lerala di tshwana le dikole, kokelwana le sekole sa ithutelo tiro ya diatla di agetswe mo matlhong a gagwe. O kaile fa mo go goleng ga gagwe a ise a ko a tsene sekole mme a ne a ithuta go kwala a ile ntweng, a bolela fa e ne e le mongwe wa masole a a neng a ya ntweng ya bobedi ya lefatshe.
Rre Makono a re ke modumedi yo mogolo wa kereke ya Revelation Blessed mme tumelo ya gagwe e nnile le seabe se segolo mo botsogong jwa gagwe. A re ntlha e nngwe e e botlhokwa ke gore ga a ise a ko a lekeletse motsoko mme o kile a nwa nnotagi morago a kgaogana le yone.
O boletse fa bojalwa le motsoko di koafatsa mmele, a supa fa a na le tumelo e e tletseng ya gore go tlogela bojalwa le go sa gogeng motsoko ke tsone tse di mo thusitseng gore a fitlhe dingwaga tse a leng mo go tsone.
Rre Makono o tlhalositse fa a utlwalela malwetsi a a tshwenyang bagodi jaaka sukiri le madi a matona mme a seyo mo go ene. A re pono ya gagwe ke yone e nyelelang ka bonya ka bonya mme a dumela fa seo se dirwa ke go gola.
Rre Makono o boletse fa go mo itumedisa thata go bona bana ba gagwe ba mo diretse moletlo wa matsalo ka go bonala fa ba kgathala ka ene. Rre Kirby Baingotli, yo e leng ngwana wa ga Rre Makono o boletse fa batho ba ba tshelang dingwaga tse di tshedilweng ke rre rraagwe ba balwa mme ba ne ba dira moletlo oo go supa lerato mo go ene le go leboga Modimo go bo a mo babaletse dingwaga tse di kalo.
Mongwe wa dibui kwa moletlong oo, Rre Kaisara Modikwa, o boletse fa Rre Makono e le motho yo o ratang batho mme ebile a tshedile thata ka temo-thuo. A re o ithutile go le gontsi mo go Rre Makono ka jalo go a tshwanela go ipelela dingwaga tsa gagwe. A re ke ka thata ya Modimo go bo Rre Makono a fitlheletse dingwaga tse di lekgolo tse bontsi jwa batho ba sa fitlheng mo go tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2014






