Breaking News

Kgosi Xao o rera tekatekano

26 Mar 2014

Kgosi Tsaxlae Xao wa Grootlagte a re, go lebega Batswana ba le bantsi ba ise ba tlhaloganye gore tekatekanyo  ya bong go tewa eng.

Kgosi Xao o buile se bosheng kwa Charleshill mo segopotsong sa letsatsi la bomme. O tlhaloseditse morafe o o neng o tsene segopotso gore, tekatekanyo ya bong go tewa  go fa borre le bomme sebaka se se lekanang fa go tliwa ka fa meamusong ya lefatshe.

Mme Xao a re tekatekanyo e, e dirwa ka go rotloetsa melawana le mananeo  a a itebagantseng segolo bogolo  le botlhoki jwa bomme le borre. Kgosi Xao a re, mo malobeng borre ke bone ba neng ba akola meamuso go feta bomme, mme  go a bonala gore mo nakong ya gompieno diphetogo di teng, segolo bogolo fa go tsena ka fa mererong ya thuto.

A re, go lemosegile fa dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tsenang dikolo di oketsegile fa go tshwantshanngwa le mo malobeng. Le fa go ntse jalo, Mme Xao a re, go a swabisa ka jaana dipalo tse di kwa godimo tse, di fokotsega ka jaana bana ba ima ba bo ba tswa mo dikolong.

O tsweletse  a re, se se gwetlha bomme go rotloetsa le go babalela matshelo a bana ba basetsana ka jaana ele bone babusi ba kamoso. Kgosi Xao a re, dipalo tse di nametsang tsa bomme ba ba akolang mananeo  a a farolaganeng go tokafatsa matshelo a bone, le tsone di a bonala, a tlatsa ka gore se, se tsisa seriti le kagiso mo lwapeng.

O supile gore bomme ba santse ba sena karolo e ntsi fa go tla mo maemong le go tsaya ditshwetso. Kgosi Xao o supile sekai ka khansele ya Ghanzi a re, kemedi ya bomme mo go tsa sepolotiki ga e nametse ka jaana bomme ba le barataro fela fa borre ba le lesome le boferabobedi.

E re le ntswa go supega fa go na le maiteko a tekatekanyo ya bomme le borre, Kgosi Xao o supile matshwenyego ka dipalo tse di golang tsa kgokgontsho ya bomme mo lefatsheng le.

A re, dipalo tse di lekanang le masome a marataro le bosupa  mo lekgolong, ga di jese monate, mme o gwetlhile Batswana go kgala kgokgontsho ya bomme le bana segolo bogolo ba basetsanyana.

O rotloeditse Batswana go tokafatsa matshelo a bomme le borre mme a re, lentswe la bomme le tshwanetse la utlwala thata. Letsatsi la segopotso sa bomme le ne le ketekwa ka setlhogo se se reng “Tekatekanyo ya bomme ke kgatelo pele ya botlhe.” 

Kgosi Xao a re, setlhogo se, se tlhalosa fela gore, go kgona go nna  le kgatelo pele, ke fela fa bomme ba ka fiwa sebaka  se se lekanang le sa borre mo go tsa thuto, botsogo, maemo le go tsaya ditshwetso, go tshela go sena kgokgontsho gammogo le go tshela botshelo jo eseng jwa lehuma. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Segopotso sa letsatsi la bomme

Date : 26 Mar 2014