Makgotla a a ikemetseng a botlhokwa
26 Mar 2014
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o akgoletse lekgotla le le ikemetseng la Botswana Insurance Holdings Limited BIHL Trust, go thusa go tlhabolola seemo sa thuto.
Rre Leo o ne a bua kwa moletlong wa tholo semmuso ya motlobo wa dibuka kwa sekolong se se botlana sa Serinane ka Labotlhano, go tswa mo go ba BIHL Trust ka tshwaragano le ba Sebilo Book Services le Education Hub ka fa tlase ga lephata la thuto le tlhabololo dikitso.
Rre Leo a re, lephata la thuto le tlhabololo dikitso fela jaaka maphata a mangwe, le na le batsamaisi ba lone, mme ga ba kake ba kgona go tsamaisa ditirelo tsa lone ba le nosi fa setshaba le makgotla ka go farologana ba ikgogetse morago.
A re, mo nakong eno ga go na ope yo o ka itlhokomolosang seemo se se apereng lephata le ka maduo a a wetseng tlase mo baithuting mme e bile ga go thuse gore go supasupanwe ka monwana, a bolela fa e nako e le ya gore go engwe go tshwaraganelwe go fetolwa seemo se, fela jaaka ba BIHL Trust ba dirile.
O tsweletse a re, ga a dumele fa ba BIHL Trust ba tlhophile sekolo sa Serinane ka gobo e le sekolo sa kwa go senang ditlamelo ka bontsi teng, mme o dumela fa ba se tlhophilwe ka mabaka a gore ba batla baithuti ba teng ba rutega fela jaaka bana ba bangwe.
Rre Leo o kopile batsadi kwa lwapeng go itlwaetsa go golola bana go boela kwa sekolong go ya go bala kwa motlobong oo wa dibuka go na le go ba kganela, ka jaana go bala thata go ka ba tokafatsa mo dithutong tsa bone.
O kopile le bone bana go itsolopanya, go nwela mo dibukeng go itokafaletsa botshelo. A re, botshelo jo bontle bo a fufulelwa mme e bile ga gona sepe se se tlang kwa mothong a ntse fela.
O lebogile ba BIHL Trust go menagane, a bolela fa se ba se dirileng se le sentle fela thata mme e bile a re o eletsa fa le makalana a mangwe a ka kopa mo go se ba se dirileng.
Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa lekgotleng la BIHL Trust Rre Kingsley Sebele, o boletse fa e le maitlamo a lekgotla la gagwe go bona gore le ema puso nokeng fa go tlhokegang teng le mororo e le lekgotla le le ikemetseng.
A re, ba kgonne go reetsa selelo sa tlhaelo ya madi go tswa kwa lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, ke ka moo ba boneng go tshwanela gore ba inole dingwe dikole mme ba di thuse.
Rre Sebele o boletse fa ba dirile motlobo o wa dibuka ba lebeletse seemo sa maduo mo baithuting mme ba lemoga fa go bala e le gone mo go ka tokafatsang maduo.
O tladitse ka go kopa baithuti go tlhoafalela go dirisa motlobo o wa dibuka ka keletso ya bone e le go bona maduo a mantle morago ga maiteko ao a bone. O boletse fa ba itumetse go bo ba kgonne go fitlhelela le go diragatsa maikaelelo a bone ntle le dikgoreletsi dipe.
E ne e rile a fa tekodiso, mogokgo wa sekolo sa Serinane Mme Sabasadi Monthusi, a bolela fa ba ne ba tla ka moono wa go simolodisa motlobo wa dibuka morago ga go nna le maduo a a kwa tlase mo baithuting ba sekolo seo mme sebe sa phiri e le gore baithuti ga ba tlhaloganye.
A re, ba ne ba lemoga fa go bala mo go feteletseng e le gone fela mo go ka ba bulang ditlhaloganyo mme ka jalo ene le barutabana ba gagwe ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go kopa dibuka le go direlwa motlobo wa tsone, mme ba BIHL Trust ba ba sekegela tsebe.
Mme Monthusi o lebogile ba BIHL Trust gammogo le barutabana ba sekolo sa gagwe go nna le boineelo mo go kgaratlheleng motlobo o, a bolelela fa jaanong seo e le kgwetlho mo barutabaneng ka ba tshwanetse ba gagamatsa le go feta ka jaanong go na le se ba direlang mo godimo ga sone.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lilian Pelontle
Location : SERINANE
Event : Moletlo wa tholo semmuso
Date : 26 Mar 2014






