Breaking News

Sekole sa Goshwe se lesego - mogokgo

26 Mar 2014

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Goshwe kwa kgaolong potlana ya Tutume, Mme Gladys Sereetsi, a re o dumela fa sekole sa  gagwe se le lesego thata ka batho  ba  le mmalwa ba ba  amogetseng moono wa lephata la thuto wa ‘Adopt-a-School-Adopt- a-Child’  ba tsweletse ka go abela sekolo seo le go se fa dithuso ka go farologana.

Mme Sereetsi o buile seo fa a ne a amogela dibaesekele tse tharo tse di lopileng P1 900, go tswa kwa go Rre Moffat Mabutho ka Mosupologo.

O boletse fa Rre Mabutho a supile lerato le go tsweng ngogola fa a ne a abela sekole seo dikhomputara tse dinang le sengwe le sengwe di le nne, thelebisene, dibolo tsa kgwele ya dinao le go abela ngwana yo o gaisetseng mo maduong a lekwalo la botlhano P250 le seetsele.

O tsweletse a tlhalosa fa Rre Mabutho a ba lekola nako le nako le ntswa a berekela kgakala. Mogokgo ne a bua jalo a supa fa a lebogela kemonokeng le boineelo jwa gagwe mo go boneng gore baithuti ba sekole seo ba bona maduo a a nametsang. O ne a kaya gape fa gona le bangwe ba le bone ba thusitseng sekolo seo ka go se abela dikhomputara.

O ile a leboga mpho eo ya dibaesekele, a bolela fa di tla thusa baithuti bao, ka ba tsamaya mosepele o moleele go goroga kwa sekoleng, selo sa a supileng fa se ne se ama maduo a bone fela thata.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Moffat Mabutho, o ne a bolela fa lenaneo la go ithaopela go thusa sekole kana ngwana le dirilwe morago ga go lemoga fa dikole le bana ba ne ba sa dire sentle, maduo a bone a wetse tlase.

Rre Mabutho a re ka jalo, ba ne ba bona go tshwanetse ebile go lebane gore ba amogele mokgosi o, ka go le gantsi dikole di lela ka didirisiwa kana baithuti ba ba tsamayang sekgala go goroga kwa dikoleng moso le moso.

A re ba ne ba bona gore ba thuse dikole, maikaelelo e le go leka go tokafatsa seemo le maduo mo dikoleng. Rre Mabutho o ile a bolela fa maduo a sekole seo sa Goshwe a ngwaga o o fetileng a ne a sa kgatlhise, mme a kopa bana- le-seabe botlhe go tia moko go tshwaraganela thuto ya bana.

O ne a kopa barutabana go dirisa thata lenaneo le le teng la go ikakoba mo tirong, go lemoga bokgoni le makoa a bone kana fa ba tlhokanang le go baakanya teng go tokafatsa maduo a baithuti.

Rre Mabutho o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka bana ba ba tsamayang sekgala se seleele ba ralala dikgwa le dithaba, a re seo se baya matshelo a bana bao mo diphatseng.

E rile a leboga, Kgosi Buyendasi Mbenga, o ne a kopa dikgosi tsa motse go bua le batsadi ba bana ba bone ba sa ntseng ba tsamaya mesepele e meleele, ka go baya bana ba go nna jalo mo diphatseng.

Kgosi Mbenga a re mpho eo e ka tswa e thusitse baithuti bao mme ntlheng e nngwe e ba beile mo diphatseng. O ile a leboga Rre Mabutho, a supa fa ele motho yo o tshwenyegang ka matshelo a batho, ka o setse a agetse batlhoki bangwe matlo.

A re mpho eo ke kgwetlho mo barutabaneng, ka jalo ba tshwanetse go leka go dira ka natla go itumedisa bao ba ba ba emeng nokeng ka tsela tsotlhe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa kamogelo dimpho

Date : 26 Mar 2014