Breaking News

Ba Tati Siding ba lebogela pula

26 Mar 2014

Kgotla ya Tati Siding e ne  e penologa mo bosheng fa morafe wa koo one o tsile go lebogela pula.

Kwa moletlong oo wa ditebogo,  Kgosi Simon Nkgageng o ne a lebogela morafe go bo o ne wa nna tsebe-ntlha-go-utlwa fa Tautona a itela mo Batswaneng go ema ka dinao go rapelela pula.

A re, lefatshe leno le sego go bo le nale Tautona yo o lemogang fa Modimo e le one botshabelo fa mabaka a botshelo a le thata, a tlatsa ka gore mokgosi o o neng wa tlhajwa ke tautona ke sesupo sa moeteledipele yo o nang le tebelopele e bile a goga setshaba sa gagwe ka botlhale.

Kgosi Nkgageng o ne gape a rolela hutshe banana ba Tati Siding, a re go ikitaya ka thupana ga bone go tsena ditiro tsa motse segolo jang diphuthego tsa kgotla, go tlhapisa pelo.

Kgosi o ne a boa a lebogela batsadi thotloetso ya bone mo baneng ba bone, a re tshwaragano ya bone le bogogi jwa motse mo go rotloetseng banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse e a nametsa mme e bile maduo a yone a mo mpaananeng.

Fa a bua ka tiro ya letsatsi, Kgosi Nkgageng o supile fa a eletsa gore dithapelo tsa pula ga mmogo le ditebogo di tswelele le mo nakong e e tlang ka jaana ba setse ba bone maduo a tsone.

A re mowa wa tshwaragano o o supilweng ke morafe wa gagwe le Batswana botlhe ka kakaretso, o ka isa lefatshe leno golo gongwe, a kopa setshaba  go ema ka dinao go bona gore mowa oo wa tirisano mmogo o a tswelela.

Mokhanselara wa Tati Siding Mme Ruth Dlodlo ene o ne a lebogela morafe go tsena tiro eo ya ditebogo ka dipalo tse di kwa godimo. O ba rotloeditse gape go tshegetsa mowa o montle o,  a tlatsa ka gore go a itumedisa go bona morafe o omoga ka dipalo tse di kwa godimo fa kgosi a ba biletsa tiro epe fela kwa kgotleng.

Dithapelo tseo tse di neng di gogwa ke Moruti William Motshabi le bangwe ka ene, di tshwarwe jaana morago ga gore motse wa Tati Siding le lefatshe leno di amogele dipula tse di namagadi bosheng.

E ne e rile ngogola ka kgwedi ya Lwetse Batswana go ralala lefatshe leno ba tshwara dithapelo sebaka sa kgwedi go lopa Modimo go kolobetsa lefatshe ka jaana seemo sa komelelo se ne se setse se tsere phekelo e sele.

Dithapelo tse, di ne di tla jaana morago ga boikuelo jwa ga tautona mo setshabeng go retologela kwa Modimong go kopa tharabololo ya leuba le le neng le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TATI SIDING

Event : Moletlo

Date : 26 Mar 2014