Mapodise a tlhotlhomisa kgothoso le petelelo
26 Mar 2014
Mapodise a Mochudi a tshegeditse banna ba le bane go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le kgang ya go thukutha ka dikgoka le petelelo.
Go begilwe fa mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro le monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone ba kgotla ya Ntswaneng kwa Mochudi ba ne ba kgothosiwa ke banna ba le bane ka Tshipi ka nako ya bobedi mo mosong.
Go ya ka mookamela mapodise a Mochudi, Superintendent Simon Sitale, banna bao ba fitlhetse bobedi joo bo itisitse mo koloing ya mme yoo mme ba ba tsenelela ba betsa rre yoo, ba bo ba mo pega mo koloing ba inaya naga ka bone.
Superintendent Sitale a re mo tseleng e e yang Sikwane banna bao ba ne ba folosa rre yoo, mme gape ya re kwa pele go bo go fologa banna ba bararo go sala a le mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe yo o neng a sia ka mme yoo kwa a fitlhileng a itseela dikobo ka dikgoka teng.
Superintendent Sitale a re rre yoo o ne a phuaganya mme yoo le koloi ya gagwe morago ga go mmetelela mme a inaya naga. A re megala ya lotheka e le mebedi ya bobedi joo e e neng e tserwe ke banna bao e bonwe ga mmogo le koloi ya mme yoo.
Mo tiragalong e nngwe Superintendent Sitale a re ba mo dipatlisisong mabapi le kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le bobedi wa masimo a Tlokweng a neng a kgothosiwa P1 722 ke banna bangwe ba le bane e ntse e le ka nako ya bobedi mo mosong gone ka letsatsi leo.
Superintendent Sitale a re ba sa ntse ba le mo patlong ya banna bao, ka jalo ba kopa setshaba go ba loma tsebe fa ba bona borre bangwe ba dirisa madi botlhaswa mo go belaetsang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshegofatso Kwape
Location : MOCHUDI
Event : Pego ya mapodisi
Date : 26 Mar 2014






