Breaking News

Balemi ba kalapa jaaka dinamane

25 Mar 2014

Ngwaga o, o lebega o le monamagadi, Ra Masedi a otlolotse letsogo la gagwe le le molemo mme a nesa dipula tsa medupe lefatshe leno ka bophara. Jaanong  ke ditebogo fela mo baleming ba lefatshe leno.

Dipula tse, di kolobeditse lefatshe mo mogote le one o kokobetseng. Ba le bantsi ba ne ba tshwarwa ke kgakge fa ba ne ba bona e le  lantlha mo sebakeng se se leele pula e tsorotla dikgwedi tse pedi e sa kgaotse.

Le fa go ntse jalo, motho o ka akanya gore bao ba nnileng le lesego la go lema, ba ya go dika ba nnile le thobo e e nametsang.

E ne ya re BOPA e tsere loeto mo masimong a a mo kgaolong ya selimisi ya Molepolole, maikutlo a balemi ya nna a a farologaneng.
Leeto le ne la tsamaela kwa masimong a Boditsane kwa Mme Tebalo Nchoko a neng a supa fa e le molemi wa popota ntswa  balemisi bone ba mo akaretsa mo baleming ba ba botlana.

Nnyaa ruri tshimo ya gagwe e rile tala! E kgatlhisa e le ruri. Dijwalo di nonofile e le tse motho a ka di meletsang mathe. Ntshe ya gagwe ya bo e huhuantswe ke motho e tsipaletse e goletse kwa godimo. Makgomane one a  ikadile mo bolemeng jwa bophara jo bo tona ere o leba, matlho a bo a sa kgone go feleletsa tema.

Mangwe a  one ebile a setse a omile e le fela gore o ka a dirisa go dira digo kgotsa go ipeela peo ya temo e e latelang. Mmidi one o phaphasela o belesistse dikgokgonono. Magapu le marotse tsone ke sa bue. Ke ne ka utlwa ke gopola maloba jale tlala e le selo sa maloba.

Ene e a tle ere go le letlhafula jaana, o utlwe ka modumo wa tlhaka e tshesane. Maitseboa a teng go ne go itisiwa mo molelong go  tlhabilwe mainane ke bo ramogoma, ka fa  go besitswe mmidi mantswe le ditshego di utlwala motho a tsamaya kgakala.  Ere go ya go robalwa dimpa di bo di tuka molelo.

Mme Nchoko ene, a lebega e le mosadi wa Mokwena tota, senatla sa tsopa le le sesane. Mmele wa gagwe o bo o gwapile tota le o mo lebile o bona  fela gore malwetsi a, a sesha a bo surikiri le madi a matona a a utlwalela fela.

Motho wa teng ga a iname mo tshimong makuku a naka tsa kgomo o inamologa gape ka letlatlana.

Nchoko are o lemile a bo a jwala tshimo ya gagwe ka beke ya ntlha ka Sedimonthole mme a jwala tema tsa ntlha di le pedi fela.  E ne yare ka beke ya bobedi a bo a jwala ditema tse dingwe tse di neng di setse.

Are pula e ne e le thata ka Sedimonthole mme ka Firikgong, go bo go le letsatsi la tladi e a musa.

Le fa gontse jalo pula e e neleng morago e ne e le ntsi mme ya tlhakalatsa mohero. Mme yo wa ngwaga tse di masome marataro le bosupa a re ene  ke motho yo o  kofolang.

Go kofola ke gone fela  go mo kgontshang go lwantsha mohero.  
A re o hirile batho ba le lesome ba ba mo thusang go tlhagola.  

Mme a re sebe sa phiri ke gore batho ba kgaolo ya bone ba gana go bereka ba ganelela mo bojalweng. A re ko ntle ga mohero diji di tshwana diphologolo jaaka bophiri, phokoje noko, di mo jela magapu. 

Noko le dinonyane ka go farologana jaaka masogo, dikgaka, maeba di ja mmidi. Are thobo ya gagwe e tsile go wela ko tlase ka one mabaka ao.

O tshwenngwa gape ke ngadule, le tsienyane. Setlhare se se bidiwang matebelo  le sone se tshwenya thata.  Are molemo wa sone ke gore o leme pele se tlhoga ka sebolaya dinawa.

Mme Nchoko ke mongwe wa balemi ba ba tsereng dikgakololo tsa puso ka go lema ka lenaneo la ISPAAD. O lemolotse, a ega, a jwala ka ditselana le gone go tsenya menotshane tota. Ngwaga o o tlang a re o ikaelela go lema bojang ja  lab lab,  dinawa le mmidi ka dikgakololo tse a di tsayang mo balemising.

Go tsweng ko masimong a Boditsane, re ne ra lebisa maoto kwa ga Rre Bolele Motweesane ene  ke mongwe wa balemi ba ba solofetseng thobo e e ko godimo monongwaga.   Rre Motweesane o lema ko masimong a Matsuke. 

O tlogetse tiro ka 1999 go nna molemi-morui. O tlhalosa fa dijwalo tsa gagwe di itumetse fela thata ntswa mmu wa tshimo ya gagwe e le mmu o o lapang ka bonako. 

Are ke mmu o o tlhokang tlhokomelo e ntsi. Are nngwe ya tse a di dirang ke go tlhabolola mmu wa gagwe ka go ribegetsa letlhaka la temo e e felang mo mmung.  Fela jaaka Mme Nchoko, le ene o jwadile kgwedi ya Sedimonthole e simologa.

O lemile dinawa tsa tau manthe. A re o di rata thata ka gore di bogadi bo gaufi. A re e re ntswa bangwe ba re ga di gege morogo, fela di ka go jesetsa bana.

Rre Motweesane o lemile ditema di le masome a mabedi le botlhano. Are o lemile ditema tse pedi tsa dinawa mme o lemogile gore fa o tsentse dinawa fa gare go mosola ka gore diji di iphitlha fa gare ga tsone. 

Mmidi o lemilwe mo ditemeng di ka tshwara lesome le boferabobedi tse di setseng o lemile ntshe le magapu.  Are bontsi jwa thobo ya gagwe o ya go e rekisa.

Rre Selekanyo Gaotlhobogwe ene go ka twe o magorogo masha mo mererong ya tsa temo. Rre yo wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro o tlogetse tiro ya mmaene go tla go nna molemi.

Are ere ka a lemogile fa a tlogeletswe lefatshe le le ntsi la boswa, a bona go tshwanela gore o ka simolola go lemela go gweba.
Rre Gaotlhobogwe o simolotse temo ya gagwe mo tshimong e e ageletsweng e ka tshwara diekere di le lesome le bone. Mo go yone o  lemile tema tse tlhano fela.

Ene yare a fetsa go itemela a lemela  batho ka a na le terekere e e nang le di gogi tsotlhe tse di neng di tlhokafala mo temong ya monongwaga.  Are le fa gontse jalo, o lemogile dikgwetlho di le mmalwa tsa go lemela batho. 

Are bontsi jwa masimo ga a renngwa go baakanyetsa temo. Are se se dira gore bo ra diterekere ba latlhegelwe fela thata.

Rre Gaotlhobogwe a re ka e ne e le lantlha a lemela  batho o ne a dira ditshekatsheko go bona gore a go lemela batho go na le dipoelo. O dirile jalo ka go kwala ditshenyegelo tsotlhe jaaka madi a leokwane le a le dirisitseng kwa tshimologong go ya bokhutlong  jwa lebaka le a le tsereng a lemela batho.

Are leokwane le a le dirisitseng mo terekereng fela o dirisitse madi a a fetang makgolo a supa (P70024). O tlhalositse gape gore leokwane kana ga le dirisetswe terekere fela. Le dirisiwa gape mo koloi e a e bitsang support vehicle. 

Fa a tlhalosa o boletse gore  koloi e e dirisiwang go thusa bakgweetsi ba terekere ka ditlamelo tsotlhe tse di ka batlegang.

A re mo go yone fela o dirisitse madi a a ka tshwarang dikete tse tharo, makgolo a mararo le makgolo a supa (P3700). Are ka ntlha ya gore masimo a ne a phatlaletse, go bakile ditshenyegelo tse tsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa leokwane.

Godimo ga moo, Rre Gaotlhobogwe a re terekere e ne e nna le bothata jwa go senyega kgapetsa kgapetsa mo a dirisitseng dikete tse tharo tsa dipula go e baakanya.(P3000)

Go ntse go le foo, o dirisitse madi a go rekela bakgweetsi ba terekere dijo le  ditlhaeletsanyo (airtime), a re madi a otlhe a ditshenyegelo  ke sephatlo sa dituelo tse a tsileng go di duelwa. A re go ya ka ditshekatsheko tsa gagwe, di supile gore go lemela batho ke kgwetlho.

A re tharabololo ke fela fa goromente a ka bitsa beng ba raditerekere gore ba lebelele gore dikgwetlho tse di leng teng tsa go lemela batho ke eng. O boile gape a re fa go ne go kgonagala gore ba leme masimo a matona a le mo lefelong le le lengwe go ne go ka nna botoka.

A re ntlha e nngwe ke gore mo lefatsheng leno ga gona batho ba ba rutetsweng go kgweetsa diterekere kgotsa diopareitara (operators).  A re se ke kgwetlho e tona thata e goromente a tshwanetseng go e pataganela le bo raditerekere go dira temo  e e nang le boleng.

O tlhalosa fa bontsi jwa bakgweetsi ba diterekere  ba sena diteseletso tsa go kgweetsa diterekere ka le tsone dikolo tse di rutelang go kgweetsa diterekere di seo.

O ikuetse mo pusong gore e sekaseke gore bakgweetsi ba, ba seka ba batliwa diteseletso ka gore bontsi jwa bone ke bagolo ba le sone sekolo ba iseng ba se okomele.

Mme le fa go ntse jalo, a re go lema ka ditselana go a kgatlhisa ebile go ka ntsha maduo go na le go jwala ka go gasa. Gape go kgontsha molemi go tsamaya fa gare ga dijwalo a di lekola.

Rre Gaotlhobogwe ene ga a tshwenngwa ke mohero ka a re o dirisitse sekofole go ntsha mohero ka mariga. “E ne ya ntsha tlhaga yotlhe le medi tota.” A bua jalo a gatelela mosola wa go lwantsha mofero nako e sa le teng.

E ne ya re go tswa masimong a Matsuke, maoto a leba kwa masimong a Mmaothate. Koo re ne ra fitlhela Mme Keitumetse Chaoka wa monana.  Se se neng se kgatlhisa ke gore Mme Chaoka, o lemile tshimo ya gagwe ka diatla, kgotsa go lema o kabela.

Mme yo wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano a re terekere e lemolotse go bo go jwalwa ka lebogo.  A re o ne a dirisa theipi go bo go phunngwa maroba ka thobane ba bangwe ba bo ba tla ba latlhela peo.

Mofuta o, wa go lema, o o dirisitse go lema ditema tse tharo. A re rre rraagwe ke ene a mo rutileng go lema ka mothale o, go tloga bonnyenyaneng jwa gagwe.

A re o dirisitse mofuta o wa go lema le ngwaga o o fetileng mo ebileng a kgonne go rekisa thobo ya gagwe ko dikolong tse tharo.
“ke lemile jaana ka gore boraditerekere ba ka go diya o santse o fodile laene.” Ga bua jalo Mme Chaoka mme ene a lemile dijwalo ka go farologana. 

Tota ene o itshetsa ka temo, mme a re monongwaga thobo ya gagwe e ya go wela ko tlase ka pula e ne e le boutsana mo kgaolong ya bone. Gone ko Mmaothate, re ne gape ra buisanya le Rre Kabelo Tsalaile yo ene e leng molemi yo o fatlhogang. 

A re o jwadile ka kgwedi ya Phalane go sola molemo bokgola jwa dipula tsa ntlha. A re ba ne ba tlhaselwa ke mohero le letsatsi.
“Re na le kgwetlho e tona ya dikgomo, go bonala e le tsone tse di jwalang mohero bogolo jang mokate.” Ga bua  Rre Tsalaile.

A re monongwaga o ithutile gore nako e tsile ya gore balemi ba fokotse go lema mmidi mme ba leme mabele le dinawa ka mmidi o tshabelelwa ke go sha. A re o tlaa boela gape ko go lemeng  sonobolomo. O tladitse ka gore dinawa fa o di jwadile ka bokgola jo bo siameng, di dira sentle.

Mo ditemeng tse di masome mabedi le bongwe tse a neng a lemile mmidi mo go tsone, Rre Tsalaile o di lemolotse a bo a jwala dinawa tsa tau manthe ka mmidi wa teng o ne o belesitse mo go bokowa.

Ditema tse dingwe tse di masome a mane le botlhano o lemile mabele. A re mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng o ntse a lema ditema tsa selekanyo se.

Le fa gontse jalo o supile fa monongwaga a sa dira sentle ka a ne a lemile ditema tse di masome mararo le bobedi tse a neng a jwadile mmidi. A re o latlhegetswe ka a ne a tshwanelwa ke go lemolola bo ntlha bongwe go lema dinawa tse a sa itseng fa di tlaa dira sentle mo di ka busang dipoelo.

Rre Tsalaile a re o tlhobaediwa ke ka fa Batswana ba sa tseyeng temo ka tlhwaafalo ka teng a gatelela ka gore balemi ba tlhwatlhwa ba tsena mo seatleng le ntswa batho ba le bantsi ba lema ka a re balemi tota ke batho ba ba itshokang, ba le pelotelele ebile ba tlhokomela. O kaile gape gore balemi ba le bantsi ba tlhaela thuto.

Fa a ntsha sekai a re, dilo di tshwana le go tesa (dicing) ga go a siama ka go tsaya mmu o o ko tlase mme go o beye fa godimo ga motlhwa.  A re go tesa tshimo go katela bojang a kaya gore mokgwa o wa go lema, o tlodilwe ke dipeba.

Ko Masimong a Seherelela gone, Mme Nthoyapelo Motshwane o rumaruma fela ka temo ya gagwe e a kaileng fa e le pharologano mo dingwageng tsotlhe tse a ntseng a lema. Mme Motshwane yo ene e leng mooki, o itumeletse temo ya gagwe fela thata ka e le lantlha a lema ka ditselana.

“Ke solofetse thobo e e botoka ka gore dijwalo tsa me di a kgatlhisa ka ntlha ya go lema ka ditselana.” A bua jalo ka monyenyo.A re mo ditemeng di le boferabobedi, o lemile ditema tse tlhano tsa dinawa. O lemile dinawa tsa Setswana tse di bidiwang ntshala morago, a re dinawa tse di a ingangatlela mo malwetsing, ga di tshabelelwe ke nngadule jaaka tsa tau manthe.

Mo godimo ga moo, a re dinawa di na le dipoelo tse di kwa godimo ke sone se a di lemileng ka mmetela. O lemile mmidi o mohibidu mo ditemeng tse tharo ka le one o itshwarelela thata fa go le letsatsi.

O buile a itomile sangathe a re ga a na go tlhola a jwala ka go gasa ka ebile go dikile go mmolaisitse go tlhagola ka bokete.  A re go lema ka ditselana go na le maduo a le mantis thata.

Loeto lwa rona lo wetse ka go etela Rre Nnaka Learabea yo le ene a lemang kwa Seherelela. Rre Learabea ene o lemile ka dikgomo mme dijwalo tsa gagwe di lebega di le bokoa ebile di sa kgatlhise thata. A re o tshaba go lema a dirisa terekere ka a sa epa disana mo tshimong.

Are go lema ka dikgomo ga go wetse dingalo thata. O weditse ka gore ga a na go dika a bone thobo ka mmabasete le ene a tsere taolo mo tshimong mo a bolaileng dijwalo di le dintsi mo ebileng ba setse ba itlhobogile.Le fa balemi ba farologane ka maikutlo, ka tebo ya matlho gone thobo e tlaa dika e le botoka go na le ngogola.Bokhutlo


 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 25 Mar 2014