Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati - Rakhudu
25 Mar 2014
Banni ba Gumare le Nokaneng ba kgothaditswe go batla methale e mengwe ya kgwebo jaaka go rua dinotshi le go dira ditlhophana tsa go dira dikoporase tse di tla ba thusang gore ba rekise dikgomo tsa bone puso e sa ntse e ba batlela mmaraka.
Se, se builwe ke Mothusa Tona wa tsa Papadi le Madirelo, Rre Keletso Rakhudu, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng. O tlhalositse fa puso e lela le bone ka seemo sa tlhako le molomo, mme le fa go ntse jalo, go na le methale e mengwe e go ka fenngwang lehuma ka yone.
O gakolotse bogolo jang thata banana ba motse le ba ba tseneng dikole gore ba ka dira dikoporase ba bo ba kopa madi mo makalaneng a puso e a ntshitseng go thusa ka madi gore ba nne le matlhabelo a ba tla rekisang dinama tse di farologanyeng kwa go one.
O supile fa a tlhaloganya thata fa ba wetswe ke seru, a tlatsa ka gore fa ba ka bona gore ba dira matlhabelo, se se ka thusa gore ba kgone go rekisa dikgomo tsa bone go dira madi.
Tona o tlhalositse fa thuo ya dinotshe le yone e ka direla batho madi fa ba kopa madi ba ikgobokantse ka dithlhopha, a tlhalosa fa tswina ele selo se se rekiwang thata, a fa sekai ka tse di mo mabotlolong kwa marekisetsong a a farologaneng a dijo.
A re o dumela fa kgaolo ya Okavango ena le dikgwebo tse dintsi, a fa sekai le ka ya koporase ya ditlhapi. Mongwe wa bagwebi mo motseng wa Gumare, Mme Keookeditswe Rangosa o tlhalositse a re megopolo ya ga tona e mentle thata, mme a supa fa a sa jesiwe diwelang ke bodiredi jo bo sa ntseng bo sa fe bagwebi ba ba mo gae ditiro, a re se se kgoba bangwe marapo.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Rre Samson Mauano, o amogetse mafoko a ga tona ka tsoo pedi mme a rotloetsa setshaba go ikitaya ka thupana go dira dikgwebo. A re gangwe le gape go bereka mmogo mo setshabeng sa Botswana go dingalo, mme a kopa morafe gore ba tshwaragane, ba lemoge gore go bo merafe e mengwe jaaka makgoa e tswelela ke gore ba bereka mmogo.
O kgadile dikgang tse etlaareng batho ba re ba simolodisa koporase ba bo ba setse ba akanyetsa bosula mme ba ise ba simolole. Kgosi ya Nokaneng Kgosi Malepe Ozoo le ene o ile a rotloetsa morofe wa gagwe go tsaya tsia se tona a tlang ka sone.
O kopile morafe wa gagwe gape go tshwaragana le gone go tlhokomela leruo le le gobeyang mo motseng. Bokhutlo
Source : Bakang Segokgo
Author : BOPA
Location : GUMARE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 25 Mar 2014






