Bagwebi ba itumelela thuso
25 Mar 2014
Bagwebi ba Kgalagadi borwa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba akgotse ba boipelego ba khansele ya Kgalagadi ka maiteko a go ba thusa go bapatsa dikgwebo tsa bone.
Ba buile se kwa letsatsing la mmaraka le le neng le rulagantswe ke ba boipelego bosheng. Mmaboipelego yo mogolwane wa khansele ya Kgalagadi, Mme Lesego Martin o tlhalositse fa bagwebi ba lenaneo la lenyetso lehuma ba sa itsholela go ka ipapatsa ka go tlhoka madi a mosepele le dijo, fa gongwe le madi a go duelela lefelo le ba le dirisang go bapatsa dithoto tsa bone.
Mme Martin a re, lephata la bone le bone go le botlhokwa gore ba dire letsatsi la mmaraka go bapatsa dithoto tsa bagwebi go tswa Struizendam go felela kwa Kokotsha. Mo maitekong a bone a go bapatsa dithoto tsa bagwebi ba, Mme Martin a re, ba ba thusa ka dikoloi go rwala dithoto go tswa metseng ya bone e e farologaneng go di isa kwa mmarakeng.
Ntleng le letsatsi la mmaraka le ba le tlhomileng, Mme Martin a re, ba bapatsa bagwebi ka go ba isa kwa ditshupong le malatsi a botlhokwa a a ketekiwang mo kgaolong, ka maikaelelo a go bapatsa dithoto tsa bone go leka go godisa dikgwebo tsa bone.
Mme Martin a re, go leka go thusa gore dikgwebo tsa bagwebi ba di atlege, ba ba isa kwa dikoleng go ithuta ka tsamaiso ya kgwebo tse di ba lebaganeng.O tladitse ka gore lephata la gagwe gape le rekela bagwebi ba ditsompelo tse di tlhokegang go ka dira dithoto tsa bone.
Mongwe wa bagwebi yo o tswang kwa Bogogobo yo gape a nang le bogole, Mme Bontle Motsewapuo a re, lenaneo le mo namotse mo lehumeng la mo rekela motshine o o rokang wa motlakase, la bo la mo thusa gape ka go mo isa dithutong tsa go roka kwa Selibe-Phikwe Technical College.
Mme Motsewapuo a re, motshine wa motlakase o mo tlhofofaleditse tiro ka o bofefo gape o kgona gore a roke dithoto tse di lekaneng go ka kopantsha dikeletso tsa bareki.
Godimo ga moo, mogwebi yo, o kaile fa a oba letsogo mo kgwebong e, ka a kgonne go bona dithuso mo go ba boipelego go bona thendara ya go apesa bana ba ba thusiwang ke khansele ba sekole se se botlana sa Bogogobo.
O tsweletse a re, ka madi a a bonang mo kgwebong e, o kgona go reka matsela le ditlhale le gone go tshetsa ba lelwapa la gagwe. Mogwebi yo mongwe gape yo o thusitsweng ka lenaneo le, Mme Elder Moseki wa Middlepits,o tlotlomaditse lephatha le a re le mo fa thotloetso ya gore le fa kgwebo ya gagwe e le kwa tlase a seka a kgobega marapo.
Mme Moseki a re, dithuso tsa go bapatsa kgwebo ya gagwe ke ba lephata la boipelego di mo fa tsholofelo le thotloetso ya gore kgwebo ya gagwe e nale bokgoni, a seka a ineela gore dikgwetlho di e phutlhamise.
O lebogile puso go bo e ntshitse mananeo a, a gakolola Batswana go le aramela le santse le ba tlhabetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la mmaraka
Date : 25 Mar 2014






