Ba UDC ga ba itumedisiwe ke WUC
25 Mar 2014
Leloko la phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) e e akaretsang diphathi tsa sepolotiki tsa Botswana Movement for Democracy (BMD), Botswana People’s Party (BPP) le Botswana National Front (BNF), Rre Mbaakanyi Smarts, o kgadile a menne phatla ka fa koporase ya metsi ya Water Utilities e fang Batswana ditirelo ka teng.
Rre Smarts, yo a neng a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa e e neng e tshwaretswe kwa Masunga ka mafelo a beke, o kaile fa seemo sa metsi sa lefatshe leno se ile masweng fa e sale koporase eo e tsaya ditirelo tsotlhe tsa go siela Batswana metsi.
A re, mo godimo ga matlhotlhapelo a go latlhegelwa ke ditiro ga badiri bangwe ba makalana a a neng a siela setshaba metsi pele ga WUC e tsaya ditirelo tsa metsi, Batswana ba le bantsi ba lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya ka fa koporase eo e dirang dilo ka teng.
Rre Smarts, yo o emetseng kgaolwana ya bokhanselara ya Mosojane o boleletse batsena-phuthego eo fa setshaba sa lefatshe leno se tshelela mo lenyoreng le le maswe ka jaana WUC e retelelwa ke go ba siela metsi jaaka go tshwanetse.
A re, selo se sengwe se se ngomolang pelo le go feta ke gore, e re le ntswa Batswana ba sa sielwe metsi ka fa go tshwanetseng ka teng, ba tsweletse ka go lopiwa go duela madimadi a tiriso ya metsi.
Se, a re se a gakgamatsa ka jaana batho ba ne ba sa duele dituelo dipe tse di kalo ka dithulagayo tsa pele tsa go ba siela metsi le mororo tsone di ne di dira tiro ya tsone ka manontlhotlho a magolo.
Mo ntlheng e sele, Rre Smarts o ne a kgala puso ka seemo sa motlakase sa nako eno, a re go a swabisa gore tiro e e bogolo jwa ya phetlho motlakase ya Morupule B,e bo e ne ya tswelela go fitlha e wediwa mme go sa lemogwe fa dilo dingwe di sa nna sentle.
O ne a bua gape ka go shafadiwa ga tsela ya Sebina/Mulambakwena, mo a boletseng fa e le matlhabisa-ditlhong a magolo.
A re, e re le mororo go dirwa ga tsela eo go ise go wele, e setse e bile e senyegile, selo se a supileng fa e le sekai sa fa kompone e e neng e abetswe tiro eo e dirile sogosogwane fela e e sa tlhokeng leitlho la moitseanape go lemoga fa e sa dirwa ka matsetseleko.
Mo kgannyeng e nngwe, Rre Smarts o ne a ngongorega ka go jewa ntsoma ga Batswana ba ba thapilweng ke mabentlele mangwe a matona ga mmogo le dikompone tse di fang ditirelo tsa go disa dikago.
A re Batswana ba ba dirang mo ditirong tseo, ba duelwa lemmenyana fela le e seng la sepe, le tota le ka se fetoleng matshelo a bone ka gope. Sebe sa phiri, Rre Smarts o supile fa e le go ipaa moriti o tsididi ga puso tebang le dikgang tsa mothale o.
E ntse e le kwa phuthegong eo, moemedi wa UDC wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima Rre Richard Gudu, o ngongoregile ka madi a a fiwang bagodi, a re a mannye thata mo ba ka sekeng ba itirele sepe se se kalo ka one. A re bone e le ba UDC ba dumela gore madi ao, a tshwanetse a okediwa go a lekalekana bogolo le a badiri ba lenaneo la Ipelegeng.
Rre Gudu a re, go tlhabisa ditlhong gore e re le ntswa bagodi ba diretse lefatshe leno ka boineelo jo bogolo go le tlisa fa le leng teng, ba bo ba sa fiwe tlotlo e e tsamaalanang le seabe se ba nnileng le sone.
Ntlhopheng yoo, o ne gape a bua ka botlhokwa jwa tirisanyo ya diphathi tsa kganetso, a re ke yone fela tsela e e tlhomameng ya go ntsha phathi e e busang ya Domkrag mo setilong.
A re, go a swabisa go bo diphathi dingwe tsa kganetso di dumela gore di ka fenya phathi e e busang di ikemetse ka nosi. Seo, Rre Gudu a re, ke ditoro fela tse di se kitlang di fetoga boammaaruri.
Sebui se sengwe kwa phuthegong eo, Rre Dingalo Malapi o gwetlhile Batswana go tlhopha Rre Gudu ka e le ene fela yo o ka lwelang dikeletso tsa bone.
A re, go tlhopha ope o sele e tla bo e le go ithala ka thipa mpeng, a supa fa bontlhopheng ba bangwe ba se mo seemong sa go ka fetola matshelo a batho ba kgaolo ya Tati Bophirima.BOPA
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 25 Mar 2014






