Breaking News

Puso e lemoga seabe sa bo ralekgotla

25 Mar 2014

Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae, Rre Peter Siele a re, puso e lemoga seabe se sentle se se dirwang ke bo ralekgotla go ralala lefatshe leno.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Magoriapitse bosheng, a tlhalosa fa boralekgotla ba dira tiro e kgolo ya go tima melelo mo makgotleng a bone pele ga dikgang di ka ya go fitlha kwa makgotleng a magolwane fa di padile.

Tona Siele a re mo nakong ya gompieno go nale bo ralekgotla ba le 351 ba e tla a reng ngwaga wa madi o o tlang, ba simolole go atswiwa  ka lemmenyana ele go lebogela seabe sa bone mo setshabeng.

Rre Siele o ne a fetola Rre Gaolape Ikgopoleng, yo o neng a kopa gore puso e ba sekasekele dikatso, a ba a tlhalosa fa a sale a dira tiro eo dingwaga tse masome mabedi tse di fetileng, ka boithaopo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : Mgoriapitse

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 25 Mar 2014