Breaking News

Bojalwa bo okela bana dihawa

25 Mar 2014

Mogolwane go tswa lephateng la thuto a direla kwa Gaborone,  Rre Lesego Morake a re ba tshwentswe ke batsadi bangwe ba ba santseng ba roma baithuti bojalwa, motokwane le go apaya majalwa a a seng ka fa molaong.

O buile jalo mo thuto-puisanong e e neng e diretswe bana ba sekole se sebotlana sa Moshaneng mo kgaolong ya Borwa bosheng. Rre Morake o boletse fa batsadi bao ba sena boikarabelo, ba ipata ka gore ba itshidisa ka bojalwa e bile ba tsenya bana ba bone dikole, ba re go tswa go lowe ba ntse ba tsenya bana ba bone dikole ka madi a bojalwa.

O boletse fa segajaja sa nnotagi mo dikoleng se ferosa sebete e bile se gola ka tsela e e sa tlwaelesegang mo go patikang puso go dirisa madi a mangwe go dira dithuto puisano tsa go supegetsa baithuti bodiphatsa jwa bojalwa.

Rre Morake a re, batsadi ba na le seabe se se tona thata mo go noseng bana bojalwa le go bo apaya phetelela. A re, batsadi ga ba na tshwanelo ya go roma baithuti bojalwa le metsoko mo go diragalang mo malwapeng mangwe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go thusana le barutabana go ruta bana ba bone.

Le fa gontse jalo, mogolwane wa mapodise kwa Moshaneng, Mme Kegaisamang Kgati o boletse fa batsadi mo motseng oo, ba santse ba omela majalwa a a seng ka fa molaong, a bolela fa ba apesa majalwa ao dikobo gore mapodise a seka a bona sepe.

A re, gape ba tsenya dikupu tsa majalwa a mohuta o o mo dibekeng tse dikgolwane tsa dithoto. Mme Kgati o boletse gape gore o fitlhela dijo di seo mo lwapeng mme dikupu tsa majalwa ao di le dintsi.

A re batho ba teng  ba nna ba tagilwe fela e bile bana ba bone ba rutilwe go lobela mapodise gore go apewa majalwa a mofuta oo, a bolela fa ba rutile bana boferefere ka bojalwa.

Bojalwa jwa power le segoga matlho bo apewa bobe kwa motseng wa Moshaneng. O tlhabile banni podi matseba gore ba ba santseng ba rekisa le go apaya majalwa a a sa letlelelweng  ba tla di gama ba sa di tlhapela.

O kopile batsadi ba motse go bega ba ba santseng ba roba molao wa go rekisa le go rekisetsa bana ba sekolebojalwa le motsoko kwa  kgosing le mapodiseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOSHANENG

Event : Thuto-puisano

Date : 25 Mar 2014