Breaking News

Batswana ba gakololwa go nna podimatseba

25 Mar 2014

Mogolwane wa tsa melao mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Bernard Bolotsang o kopile Batswana go emisa mokgwa wa go hirisetsa batswakwa matlo a boroko, ba ba gwebang mo Botswana ba sena diteseletso tsa dikgwebo.

Rre Bolotsang o dirile kopo e mo phuthegong e neng e tshwerwe ke badiri ba khansele go tlhalosetsa banni ba motse wa Mahalapye ka ditriro tse di dirwang ke maphata a farologaneng a khansele le tshwetso e e tserweng ke puso ya go isa ditlamelo kwa metseng e kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye.

A re ere le ntswa puso e tshwenyegile ka batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile ba gweba ba sena diteseletso tsa go gweba, o tshwenngwa ke Batswana bangwe ba ba tsweletseng ka go hirisetsa batswakwa ba boroko le mororo ba itse fa ba sena dipampri tsa mesepele e bile bangwe ba bone ba itse fa ba tsene mo lefatsheng leno ka go tlhagela melelwane.

Rre Bolotsang o bile a bolela fa bone ele badiri ba tsa melao mo khanseleng ba itebagantse le go tseela dikgato batho ba ba sa obameleng melao morago jaaka go tsosa medumo masigo mo dishabining, go rekisa majalwa morago ga dinako tse di beilweng, go gweba ga batho ba sena diteseletso, go leseletsa leruo le sasankega mo metseng, le go dirisa metsi a setshaba go siela leruo.

O boleletse batsena phuthego eo, ba bontsi jwa bone e neng ele dikgosana tsa tetlanyo gore ele badiri ba khansele ba tlhokisiwa boroko ke diruiwa tse di agetsweng masaka fa gare ga motse le diphuthego tsa dikereke tse go bolelwang di tsosa medumo masigo e bile di kgotlela tikologo ntswa dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa ka fa molaong kwa lephateng la tsa pereko le selegae.

Rre Bolotsang o tlhalositse fa maikaelelo a diphuthego tsa bone ele go lemotsha setshaba ka ditiro tsa maphata a bone le go isa ditlamelo kwa bathong segolo jang ba ba kgakala le ditoropo kana metse e metona jaaka Serowe, Palapye le Mahalapye.

E rile banni ba Mahalapye ba kgwa badiri bao ba khansele kgaba, ba dumelana ka bongwefela jwa pelo ka molao o iletsang leruo go nna fa gare ga motse, go siela diruiwa metsi a diretsweng go nowa ke setshaba, go tseela dikgato Batswana ba ba hirisetsang batswakwa boroko ntswa ba sena dipampiri tsa mesepele gammogo le go gagamaletsa seteropo batswakwa ba ba gwebang mono ntswa ba sena diteseletso tsa go dira jalo.

Ba re le fa puso e dirile melao e iletsang batho go rekisetsa bojalwa jwa Chibiku mo malwapeng, go sa ntse gona le batho bangwe ba ba rekelang majalwa a go nna jalo kwa marekisetsong a Chibuku, mme morago ba tseele kwa malwapeng go ya go rekisa ka bonweenwee.

Banni ba supile badiri ba tsa melao mo khanseleng ka monwana ba bolela fa bana le pelaelo ya gore ba katswa ba neelwa pipa-molomo ke batswakwa ka jaana fa ba tsena mo madirelong a dikgwebo tsa batswakwa o fitlhela bale kwa ga mothakga ntswa mo dikgwebong tsa Batswana ba tsena ba swaswapantse difatlhego go supa fa bale mo tirong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Mar 2014