Tona o galaletsa kereke ya FGAC
25 Mar 2014
Tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu o galaleditse kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC) go sa iponeng tsapa mo go thuseng batlhoki.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela batlhoki ntlo kwa Seleka mo kgaolong ya Tswapong bosheng, Mme Makgato-Malesu o boletse fa kereke ya FGAC e dira go le gontsi go thusa ba ba tlhokang.
A re kereke eo e supa fa e bopagane, ka tota fa go ne go sena popagano go ka bo go se kile ga nna le moono wa go agela batlhoki. Kereke ya FGAC e e kwa motseng wa Seleka, e agetse Pearl wa dingwaga tse 22 le mogolowe Mme Christina Rammai, ba ba neng ba sena bonno ebile ba tlhokafaletswe ke batsadi.
Mme Christina o tshela ka bogole mme o tlhokomelwa ke Pearl. Mme Makgato-Malesu a re maloko a kereke ya FGAC a rurifatsa fa tota ba na le tumelo e e nang le ditiro. Ka jalo a re go ka gakgamatsa fa maloko ao a kabo a na le tumelo fela ya sekeresete mme e sena ditiro.
Mme Makgato-Malesu o ne a akgola kereke ya FGAC go nna pelotelele mo tirong ya bone ya go agela motlhoki ntlo ntswa ba nnile le dikgwetlho tsa madi. O boletse fa a itumelela moono wa go thusa batlhoki wa kereke ya FGAC, a bolela fa ba setse morago moono wa ga tautona wa go agela batlhoki matlo.
Mme Makgato-Malesu o ne a solofetsa ba kereke ya FGAC fa a tla a ba ema nokeng mo ditirong tsotlhe tse ba di dirang, fela fa ba supa kgatlhego mo go se ba se dirang. O boletse fa a sale a simolotse le kereke ya FGAC ka ngwaga wa 2001 mme maloko a yone a gatetse pele ka ditiro tsa bone tsa bopelotlhomogi.
Mongwe wa maloko a FGAC, Mme Lydia Morebodi, o boletse fa ba dule ka mogopolo wa go agela batlhoki bao ntlo ka go ne go sena kwa ba latsang tlhogo teng. A re ntswa go nnile le dikgwetlho, ba ne ba kgona go fetsa ntlo eo ka thata Modimo.
O boletse fa kereke ya FGAC e e saleng e simolotse ka ngwaga wa 1939 kwa Aferika Borwa e tla a tswelela e thusa batlhoki ka go ba thusa ka se ba ka tswang ba tlhokana le sone.
O boletse fa ba eme puso nokeng ka go inaakanya le mananeo a a farologaneng jaaka go ntsha madi ngwaga le ngwaga, a a isiwang kwa letloleng la masiela, go agela batlhoki le go ba abela diaparo, dijo le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Moletlo wa go aba ntlo
Date : 25 Mar 2014






