Matlhabelo a solofetse dipoelo
24 Mar 2014
Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission kwa Francistown Rre Bosiela Saudu a re ba solofela gore ngwaga ono ba tlaa bona palo e e nametsang ya dikgomo tse di tlhabiwang.
E rile fa a lekodisa babega dikgang ka seemo sa matlhabelo ao bosheng, Rre Saudu o boletse gore mo ngwageng o o fetileng, palo ya dikgomo tse di neng di ya matlhabelong e ne ya tswelela ka go fokotsega go fitlhelela e tsena mo seemong se e leng gore matlhabelo a ne a ka seka a dira dipoelo fa a tswelelela ka go tlhaba, fa kgwedi ya Lwetse e ya fifing ngwaga oo fetileng.
O boletse gore mo ngwageng o o fetileng, matlhabelo ao a ne a tlhaba dikgomo di le 38 000 le fa go ne go ikaeletswe go bolaya 60 000.
A re mo ngwageng ono, BMC e tsile ka mananeo a le mmalwa a maikaelelo a one e leng go tlhomamisa gore seelo sa go tlhaba dikgomo di le 60 000 se a diragadiwa.
Rre Saudu a re lengwe la mananeo ke go tlhomamamisa gore go nna le ditirisano le bosalano jo bo siameng fa gare ga matlhabelo le barui, ka go buisanya le bone ka dinako tsotlhe go bona mathata a ba kopanang le one fa ba isa dikgomo go ya go tlhabiwa kwa BMC.
A re ba setse ba okeditse go reka dikgomo kwa baruing le gone go oketsa ditlhwatlhwa.
A re lefa mo ngwageng ono ba simolotse ka palonyana fela e e kwa tlase ya dikgomo di le 900 mo go tse di neng di solofetswe gore di nne 3000 mo kgweding ya Tlhakole, o na le tsholofelo ya gore fa gare ga Tlhakole le Moranang le Seetebosigo, matlhabelo a tlaa amogela palo e e nametsang ya dikgomo.
O boletse gore go isiwa ga dikgomo ka palo e e kwa tlase bosheng go ka tswa go bakilwe ke dipula tse di neleng bosheng ka di ne tsa dira gore barui ba retelelwe ke go ya kwa mafelong mangwe go phutha dikgomo go di isa kwa BMC.
A re dipula tse di namagadi kwa bokone jwa lefatshe leno, di ne tsa dira gore go fokodiwa ga dikgomo tse di godileng tse e leng tsone di kabong di tsile matlhabelong go wele tlase.
A re fa dipula di na, barui ba tsadisa leruo la bone ba sa le rekise, mme e re fa ba gomagomediwa ke leuba, ke gone ba simolole go le rekisa.
Rrer Saudu a re bontlha bongwe jwa lenaneo la BMC ya Maun, ke go leka go tlhabolola mebaraka ya yone mo kgaolong ya borwa jwa Africa, go emisa go ikaega thata ka lefatshe la South Africa.
Rre Saudu o boletse gape gore BMC e ikaelela gape go tokafatsa thekiso ya dikgomo tse di tshelang go thusa barui ba dikgaolo tse di tshabelelwang ke bolwetsi jwa tlhako le molomo tsa Zone 7 le yone kgaolo ya Zone 3b tota tse e leng gore dikgomo tsa tsone ga di rekisiwe pele ga di ka tlhatlheelwa mo kwarantining.
O tlhalositse gore barui ba dikgaolo tsa Zone 7 le 3b ba setse ba amogetse thulaganyo ya go rekisa dikgomo tse di tshelang fela. Mme go santse go letetswe diteseleltso fela.
Mookamedi yo o lebaganyeng le tsa go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno, Rre Mothibedi Latlhang a re boemo ja go tsenya batho ba bangwe mo thekong e, beng ba mabenkele ba ka tla kwa BMC, go tla go ithekela nama.
Rre Latlhang o boletse gore go dirisa batho ba bangwe go isa kana go rekisa nama kwa mebenkeleng, go dira gore mabenkele a turuse nama e bo e felela e feta nama e e tswang kwa ntle ka tlhwatlhwa.
A re ba tlaa leka thata go tlhmamaisa gore dithoto tsa bone di nna teng mo mabenkeleng ka gore ba setse ba lemogile gore nama ga e bewe ka tsela e e leng gore e ka bonwa sentle teng ke bareki.
Moanamisa mafoko a BMC Rre Tiro Kganela o boletse gore o na le tsholofelo ya gore mokgatlho o mosha wa barui o tlaa tokafatsa puisano fa gare ga barui le BMC le botlhe ba ba nangle seabe mo kgwebong ya nama.
O kopile babegadikgang go tlhomamisa gore ba kwala dipego tse di siamemng ka matlhabelo ao le nama ya Botswana ka gore dipego tse di sa siamang di ka diga theko ya nama ya lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya babega dikgang
Date : 24 Mar 2014






