Banni ba Jwaneng ba maoto a tshupa go tsaya ditsha
24 Mar 2014
Banni ba Jwaneng ga ba tsee ditsha tse ba di abetsweng ke khansele bosheng ka lenaneo la Self Help Housing Agency.
Fa a buisa puthego bosheng, mokwaledi wa khansele ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle o tlhalositse fa khansele e abile ditsha ka lenaneo la SHHA di le makgolo a mane le masome a mararo le bone kwa Unit 8.
O tlhalositse gore ditsha di le makgolo a mabedi le masome a fereng bongwe le bone e le tsa batho ba ba nang le dipoelo tse di kwa tlase (low income) mme di le lekgolo le masome a mane tsone e le tsa batho ba itsholelo e e fa gare (medium income)
Mokwaledi wa khansele o boletse gore le ntswa khansele e ntshitse ditsha tseo, bannga tsone ba le maoto a tshupa go tla go di tsaya. O kaile fa batho ba le makgolo a mabedi le masome a matlhano e le bone ba iponaditseng kwa khanseleng go tsaya ditsha tsa bone.
O tlhalositse fa ditsha di le lekgolo le masome a ferangbobedi le bone tsone di ise se tsewe ke bannga tsone. Rre Kalantle o tlhalositse fa bannga ditsha tse di setseng ba ka latlhegelwa ke dintsha tseo fa khansele e ka ba kwalela makwalo a le mararo ka jaana go tlaa bo go supagala fa go sena yoo o itshupang ele monga setsha seo.
O ne a kopa setshaba se seneng se tsene phuthegong go rotloetsa batho ba ba filweng ditsha go tla fa khanseleng gore ba tle go itshupa fa e le bone ba maina ao.
O boleletse setshaba fa maina otlhe a batho ba ba filweng ditsha ka lenaneo la SHHA a kwadilwe kwa khanseleng ebile gape maina a botlhe ba ba iseng ba itshupe go tla go tsaya ditsha tse ba di filweng, a kwala mo pampering ya khansele ya thari mafelo a kgwedi ngwe le ngwe.
O tlhalositse fa go dira jaana e le go leka go fetisa molaetsa mo bannga ditsha tseo ntswa khansele e ba kwalela dikwalo. Fa a akgela, Rre Matlhogonolo Tsimako o tlhalositse fa bangwe ba ditsha tseo ba ka tswa ba tlokafetse ka jaana khansele e tsaya lobaka go ntsha ditsha.
O ne a kopa fa mo seemong se moikopedi a tlhokafetseng, setsha se fiwe bana ba moikopedi. Faa mo araba, mokwaledi wa khansele o tlhalositse fa go ise go nne mo molaong go dira jalo mme khansele e kgona go suga diatla le ba ba lebaneg gore setsha se fiwe bana.
O tlhalositse fa ntswa khansele e kile ya kopa gore setsha se fiwe bana ba moikopedi, go ne go lebilwe mabaka a le mantsi go tla kwa tswetsong eo.
Mo go tse dingwe, Rre Kalantle o tlhalositse fa khansele e akantse go oketsa madi a kotlhao ya go tsotsa modumo go tswa mo go masome a matlhano a dipula go ya kwa go lekgolo le masome a matlhano a dipula fa e le motho.
O ne a tlhalosa fa modumo o o dirwang ke digwebo e tlaa nna sekete sa dipula.
Rre Kalantle o ne a bua gape fa molao kakanyetso o buletswe sechaba, mme mo go ba ba setseng ba o kanokile ba o amogetse ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana di ngongorega tsa modumo di ne di le kwa godimo.
O kaeile fa khansele e tletseng e go solofetsweng gore e tsene mo sebakeng se se sa feditseng pelo e tlaa tsaya tswetso ya go amogela molao gore o tle o diriswe mo toropong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : JWANENG
Event : Phuthego Ya Khansele
Date : 24 Mar 2014






