Breaking News

Seemo sa tsela se hutsafatsa banni

24 Mar 2014

Banni Ngware le Botlhapatlou mo kgaolong ya Kweneng ba lela ka seemo se se maswe sa tsela e e lomaganyang metse ya bone segolo jang ka dinako tsa dipula.

E rile banni ba metse eo ba buwa mo diphuthegong tsa kgotla di buiisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona,Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa metseng eo  ba ikuela ka seretse sese thetsweng gore se sentse tsela ya Botlhapatlou/Ngwarele le Ngware/Malwelwe

Banni bare ba lekile go buwa nako e fitileng gore mmu o dirisitsweng go kata tsela o le seretse ebile o ya go thatafatsa dilo ka dinako tsa dipula mme boikuelo jwa seka jwa tsewa tsia, ba supa fa mo nakong eno sebata se tletse ba kaeeletswe mme go sena kwa ba bonang thuso teng.

Mothusa Tona one a tlhaloganya bothata jwa batho ba metse eo jaaka fa a ne a nna le sebaka sa go dirisa tsela ya Botlhapatlou/Ngware koo goneng go bonala fela dikoloi tsa puso tsa di 4x4 tse le tsone dineng di goga ka bokete fa metsamao ya tsa beng ba tsone ene e eme tsi!  

Rre Matlhabaphiri o ne a supa fa a tlaa rolela lephata le le lebaneng bothata joo le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya tlhaelo ya madi e santse e tsweletse ka go kgoreletsa maiteko ape ago dirwa ga ditiro tsa ditlhabololo.

Kwa motseng wa Ngware banni mo go bone go le Rre Ntsimele Tsunke ba ngongoregile ka  bogosi jwa Ngware gore bo ikgatholositse matshwenyego a morafe ka go sa rere kgotsa go lekodisanya le morafe ka dikgang tse di amang tlhabololo ya motse.

 Rre Ontiretse Kgothang le ene o supile ka monwana moemela kgosi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Itsoseng Gaoonwe gore le ene o kgathologile morafe o a o eteletseng pele are ere ntswa ele moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga ake a tsibogela go lekodisa morafe ka dikgang tsa kokopano jo Ntlo ya Dikgosi.

Kgosana wa tetlanyo kwa Ngware Rre Nti Kelelekile o kopile puso go thwaafalela tlhabololo ya mabaka a tiro a dikgosana tsa tetlanyo go tshwana le a bodirela puso gore ba kgone go adima madi mo dibankeng le gone go nna le gratuity le leave.

Ere ka jaana gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, morafe wa motse wa Ngware o lebogile le iteela legofi tlhaloso ya Mothusa Molaodi wa Ditlhabololo tsa  kgaolo ya Letlhakeng Mme Oritjiua Setekia gore dithulaganyo sa kago ya sekolo se segolwane kwa motseng oo di wetswe mme se ya go agiwa mo ngwageng wa madi wa 2014/15

Banni ba lebogetse tsholofetso eo ba supa fa ba tswa kgakala ba itaa mpipi agana go tswa lebadi digwaga dile lesome mme go se nko etswanang lemina jaanong ba tshepha fa karabo ya nako eno e se ya go ba ba ya bobi matlhong.

Mabapi le matshwenyego a baapei ba borotho bam o gae gore khansele e ba phuagantse ka go sa reke borotho mo go bone ntle le morero, Mothusa Mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng Mme, Ekannamang Ramasimong, o tlhalositse fa diphetogo tseo di bakilwe ke  tlhalelo ya madi le gore seemo setlaa boela mannong mo tshimologong ya ngwaga o tlanag wa madi. 

Mafoko a malebogo a Mopalamenete wa kgaolo ya letlhakeng Botlhaba Rre Likat Kablay ene ya nna go kopa mothusa tona go bona gore lephata la Dikitsiso kwa Letlhakeng le rekelwa koloi a supa fa e teng e feletswe le lobaka e bile e ketefaletsa bodiredi tiro. 

Are go botlhokwa gore lephata leo le nne le ditsompelo tse di tshwana dikolo ka jaana ele lone Mapalamenete le Matona ba ikaegileng ka lone mo dithulaganyong tsa kanamiso ya diphuthego ka mananeo a puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Mar 2014