Breaking News

Monna o ikgapetse botshelo

24 Mar 2014

Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe wa kgotla ya Ntlhopheng kwa Boseja, mo Mochudi, a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng go bapa le sekole se sebotlana sa Seingwaeng.

Rre yoo, o bonwe ke rre wa modisadikago kwa sekoleng seo, ka nako ya botlhano mo mosong wa Mosupologo fa a lekola dikago pele baithuti ba tla sekolong mme a begela mapodisi.

Mo potsolotsong, mookamela mapodise a Mochudi, Superintendent Simon Sitale, a re ba ne ba itlhaganelela koo mme ka boammaruri ba fitlhela rre yoo a itsere ka kgole. Serepa se ne sa isiwa kwa sepateleng se segolwane sa Deborah Retief Memorial go tlhatlhojwa ke ba bongaka.

Mo tiragalong e nngwe, Rre Sitale a re ba mo ditlhotlhomisong mabapi le kgetsi e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe wa kgotla ya Phaphane gone mo Mochudi a fitlhetsweng a rapaletse fa fatshe ka mogala mo molaleng o o neng o akgega go tswa mo ditlhomesong tsa ntlo.

Superintendent Sitale a re tiragalo e e diragetse mo mosong wa Laboraro mme go lebega maikaelelo a mme yoo ene ele go ikgapela botshelo mme ka lesego mogala o a neng a o dirisa o ile wa kgaoga. Mme yoo o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial go bona thuso ya ba bongaka.

Superintendent Sitale a re go ngomola pelo fela thata go bona ditiragalo tsa mofuta o di sa ntse di kgona go diragala mme go ntse go na le batho ba tshidilo maikutlo, kwa batho ba ka kopang thuso teng.

O ne a rotloetsa Batswana gore ere fa ba tshwenyegile mo moweng ba buisane le ba masika, ba boipelego, kgotsa ba tshidilo maikutlo go thusiwa go ka ditshwetso tse di maleba boemong jwa go ikgapela botshelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Kwape

Location : MOCHUDI

Event : Pego ya mapodisi

Date : 24 Mar 2014