Breaking News

Lepodisi le lebisitswe molato

24 Mar 2014

Lepodisi la maemo a special constable kwa Ghanzi  le utswile madi a rre mongwe yo o neng  a tshwerwe ka molato wa go fitlhelwa a nole bojalwa mo lefelong le go sa letlelelweng  go nwela bojalwa teng .

Mookamela mapodisi a kgaolo ya Ghanzi, Rre Alakanani Makobo, o bolela fa  tiragalo e, e diragetse ka Tlhakole a le  masome a mabedi le bongwe. Rre Makobo a re go lemogilwe fa rre yo wa lepodisi a utswile madi,  fa ba sena go lebisa rre yoo tshwerweng molato, jaanong a tshwanetse go duela.

E rile modira molato a re o a duela a fitlhela madi a gagwe a tsene ka ga re itse mme a supa fa a belaela mapodisi  a a mo tshwereng, ka   a ne a tswere madi mme a sa a bone.

Go bolelwa fa mapodisi a, a ne a phuruphutshiwa gone foo mme ga  fitlhelwa P300 mo rreng wa lepodisi. Rre Makobo a re rre yo wa lepodisi o tseetswe dikgato.

A re o sekisediwa maitsholo  a a makgaphila mo tirong mme a re kgang ya gagwe e santse e tsweletse. A re rre yo o sekisiwa fela jaaka modira molato mongwe le mongwe.

E re dikgang di eme jalo, Rre Makobo a re, rre yo wa lepodisi o robaditswe kwa sepatela, morago ga gore  e re  malatsinyana morago ga tiragalo e, a thulwe ke mongwe ka koloi mme motho wa go nna jalo a inaya naga, ka jalo go santse go le mo patlong ya motho yo o ka tswang a mo  thudile .

Mo dikganyeng tse dingwe mapodise a mo letsomong la dilalome tse di thubileng ofisi ya Edoes Camp kwa motseng wa D’kar gone mo kgaolong ya Ghanzi.

Dilalome tseo, go lebega di tlhasetse ofisi eo mo bosigong jwa tshipi kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le borataro, mme ba utswa P3 000 Cash,300 US dollars le  Laptop, e e neng e rekiwa ka di Euro mme madi a a e rekileng fa a fetolelwa mo dipuleng a ka lekana le  P25 000.

Rre Makobo a re, ga ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo mme o supile fa  ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

O tsweletse a re, ba ikuela mo setshabeng go ba thusa go tshwara dilalome tseo, a re fa ba ka bona mongwe a fetola madi a di dolara ba ikgolaganye le bone kana mapodisi ape fela a a gaufi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : GHANZI

Event : Pego ya mapodisi

Date : 24 Mar 2014