Breaking News

Mapodisi a Kanye a tshwere monna

24 Mar 2014

Mapodise a Kanye a re a tshwere monna yo  e rileng bosheng a tshuba ntlo ya mongwe wa losika ba sena go tlhoka kutlwano.

Mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana a re, monna yo, o ne a tshuba ntlo e kwa Goora-Seno a bo a inaya naga. Supt Konyana a re, monna yo, o mo diatleng tsa mapodisi mme o tla isiwa fa pele ga lekgotla mo bogaufing  go arabela molato o.

E ntse  e le kwa Kanye, batsadi bangwe ba kgotla yo o Ruele, ba tsholotse kgang e ba neng ba begile fa go na le mongwe yo o nyeletseng ka koloi ya bone. Supt Konyana a re,e ne e rile go le pele batsadi ba, ba bolela fa ba sa bone lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi  le bone, ba re mme o ile ka koloi ya bone.

A re, ba ne ba tsholola kgang ba sena go bona lekawana le e bile le tla ka koloi e itekanetse, o bile a re go lebega lekawana le ne le romilwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Konyana a re, ka Labone mapodisi a ne a tshwara banna bangwe ba le supa fa e le baruti ba sena go fitlhelwa ba rapelela mme mongwe mo molong wa Kanye.

A re banna bao, ba ne ba bolela fa bone ele baruti ba kereke nngwe kwa motseng wa Lotlhakane Botlhaba, ba re bone ba ne ba abela batho dipampiri fela tsa ipapatso. A re banna bao ba ne ba sa tseela ope madi le fa e le sepe, ka jalo ba ne ba gololwa gone foo ba sa lebisiwa molato ope.

Supt Konyana o ikuetse mo setshabeng go nna podi matseba ka letsatsi la pulo ya  mmolo wa Mongala, a re magodu a ka bona phatlha ya go ba amoga di tsa bone. A re, ke yone nako e magodu ba ka kgonang go amoga batho di tsa bone ba ba solofetsa go ba thapa. Ends
 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Pego ya mapodisi

Date : 24 Mar 2014