Ba le babedi ba tlhokafetse
24 Mar 2014
Rre wa digwaga tse di masome marataro le bongwe le mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mane le masome a matlhano ba motsana wa Kacgae mo kgaolong ya Ghanzi ba tlhokafetse ba sena go nwa khadi.
Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Ghanzi, Rre Batsho Muzola, bobedi jo, bo ne bo nole khadi pele ga ba ya go robala mme e rile mo mosong mme yoo a palelwa ke go tsoga.
E rile rre yo a bona wa mme a sa tshikinyege, a ikuela mo baagisanyeng go tla go mo lebisa mme ba itsise mapodisi. Ba ne ba mo ragosetsa kwa sepateleng sa Ghanzi kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.
Go ya ka Rre Muzola, e rile mo tsamaong ya letsatsai, wa rre a supa a sa ikutlwe sentle mme le ene a isiwa kwa sepateleng kwa a fetileng a tlhokafalela teng. A re bobedi jo, bo ne bo nna mmogo.
Rre Muzula a re, ba emetse maduo a bongaka go bona gore khadi e ne e tsentswe eng. Rre Muzola o kopile Batswana go ela tlhoko ka fa ba dirang majalwa ka teng.
A re ba emise go nwa majalwa a ba sa itseng gore a utlwala jang,a tlatsa ka gore, ga gona Motswana o o sa itseng ka fa khadi e utlwalang ka teng.
O tsweletse ka go kopa setshaba gore fa ba utlwa bojalwa bo sa utlwale ka fa ba itseng ka teng, ba seka ba bo nwa go babalela matshelo a bone.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Muzola a re, ba tlhotlhomisa ditiragalo tsa petelelo tse mo go tsone go amegang bomme ba dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi le masome a mabedi le boraro.
Rre Muzola o tlhalositse gore nngwe ya tiragalo tse, e diragetse mo maphakeleng a matona a Tshipi kwa marekisetsong a dino mo kgotleng ya Kgaphamadi; fa e nngwe e diragaletse kwa kgotleng ya Bosele go bapa le sekole sa Pioneer gone mo Ghanzi.
Mo tiragalong ya kwa Kgaphamadi go tshwerwe mmelaelwa mabapi le tiragalo eo fa ya Bosele ba santse ba le mo letsomong la selalome seo.
O kopile bo mme go emisa go tsamaya ba le nosi bosigo le fa ba ya kwa matlwaneng a boitiketso, a re, bontsi jwa nako petelelelo e diragala ka yone nako eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Pego ya mapodisi
Date : 24 Mar 2014






