Batsadi ga ba tsee thuto tsia
24 Mar 2014
Mothusa tona wa thuto, Rre Patrick Masimolole, a re maduo a bana ba sekolo a wela tlase ka gore batsadi ga ba na seabe mo thutong ya bana ba bone.
Rre Masimolole o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Ranaka mo kgaolong ya borwa bosheng. Rre Masimolole a re,thuto ke boswa jwa sennela ruri , jo bo sa sekweng jaaka dikgomo le dithoto tse bana ba motho ba di lwelang fa motsadi a sena go ikela badimong.
O tsweletse a re, batsadi ga ba dire tshwanelo ya bone ya go bona gore a bana ba na le ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang kwa sekolong. Mothusa tona wa tsa thuto o tlhalositse gore, ga gona tshwaragano magareng ga batsadi, baithuti le barutabana.
O kopile batsadi go ema bana ba bone nokeng mo thutong ya bone. Rre Masimolole a re, batsadi ba senya bana ka ke bone ba ba rekisetsang bojalwa le metokwane. O boletse gore go nwa bojalwa le go goga motokwane ga bana, go na le seabe mo go digeng maduo a bone.
A re ga ba sa tlhole ba kgona go farologanya ngwana le mogolo ka bojalwa le motokwane di onaditse bana.O kopile batsadi go tsamaya le dikole go bona gore bana ba dirisanya jang le barutabana ba bone ka setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi ya Ranaka Rre Karabo Telekelo, a dumalana le mothusa tona gore motokwane le bojalwa di nale seabe se se maswe mo thutong ya bana ba sekolo. O rurifaditse gore barutabana ba motse wa gagwe ba kile ba tla go ikuela mo go ene ka go goga motokwane ga bana ba sekolo.
Kgosi Telekelo o boletse gape gore barutabana ba nna ba tlisa ngongora ya gore batsadi ba bana ba a ba tlhasela kwa sekolong fa ba otlhaile bana ba ba bone. O tladitse ka gore, go tlhoka go gagamatsa molao wa kotlhao, go na le seabe mo go phutlhameng ga maduo a bana ba sekolo.
A re ga gona ngwana ope yo o a tleng a palale motsadi ele wa gagwe. Kgosi o kopile morafe go kopa thuso gore ba kgone go laola boitaolo jwa bana ba bone.
Mothusa tona o tlhagiseditse morafe gore barutabana ba ntsha bana ba sekolo basadi, ka jalo a kopa Kgosi Telekelo go bua le barutabana gore ba ikgaphe mo baneng. Rre Masimolole a re, kwa lephateng la thuto, ba tsere tshwetso ya go tokafatsa thuto ya ngwana mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore a ke monale-bogole kana jang.
A re, ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go neelwa setlankana go tsweledisa thuto ya gagwe le fa a kolota ka gore go kolota motsadi eseng ngwana yoo.
Rre Masimolole o tlhalositse gore, puso e butse dikolo dingwe tse di kgolwane jaaka tsa ditiro tsa diatla le sekolo sa thuto tsa tlhaeletsano sa BOCODOL gore, bana ba ba sa dirang sentle ba tsene teng go tokafatsa maduo a bone.
Fa ba mo kgwa kgaba mongwe wa banni Rre Derrick Moshack o ne a kopa mothusa tona gore ba agelwe ntlo ya metlobo ya dibuka gore le yone e tokafatse seemo sa thuto mo motseng wa bone.e a re, maduo a bana ba sekolo a wela tlase ka gore batsadi ga ba na seabe mo thutong ya bana ba bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Mar 2014






