Breaking News

Ba Themashanga lebogela pula

23 Mar 2014

E re ntswa dipula tse di gosomaneng bosheng di bakile tshenyo fale le fale mo motseng wa bone, banni ba Themashanga ba tletse ka boitumelo ka jaana monongwaga ba tla bona thobo e e nametsang go tswa mo masimong a bone.

Kwa moletlong wa go lebogela pula o o neng o tshwerwe kwa kgotleng ya motse oo ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe,  Kgosi Mabalane Thaba o ne a supa fa go fetile dingwaga di ka feta masome a mane motse wa Themashanga o sa amogele pula ya selekanyo sa e e neleng monongwaga.

A re dingwe dinoka tse di neng di sale di tshwara metsi la bofelo ka dingwaga tsa bo1972, monongwaga di eme metsi, tiragalo e mo bananeng e leng santlha ba bona e diragala.

Kgosi Thaba o ne a lebogela mokgosi o tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama a neng a o tlhaba gore lefatshe leno le goeletse kwa Modimong go kopa pula ka nako e seemo sa komelelo se neng se bifile.

“Lefatshe le ne le omile, loruo le ne le e swa, mme gompieno re mo boitumelong jo bo seng kana ka sepe,” a tshwaela jalo, a gatelela botlhokwa jwa gore go bo go tshwerwe moletlo wa ditebogo morago ga gore morafe wa motse wa Themashanga o bo o ne o phakelela kwa kgotleng mo kgweding yotlhe ya Lwetse go rapelela pula.

Kgosi o ne a gwetlha morafe wa gagwe go lemoga gore le fa gone go nnile le tshenyo e e bakilweng ke pula segolo bogolo e e amang ditsela, ba tshwanetse ba lemoga fa tse di molemo tse di tlisitsweng ke go gosomana ga pula di fekeetsa masula ape a a diragetseng.

A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng ba se ela tlhoko ke gore dilo tsotlhe tse di senyegileng ke tse di ka baakanngwang, ka jalo ba sa tshwanela go itetla go aparwa ke khutsafalo e e feteletseng.

Fa a ema kokoano eo ka lefoko, moruti Rre Sonny Chiliwa o ne a gakolola morafe wa motse wa Themashanga go seke ba lebala Modimo mo mabakeng ape fela a botshelo ka ba setse ba bone ka a bone matlho fa e le boammaaruri Modimo o araba thapelo.

Le fa go ntse jalo moruti Chiliwa o ne a ba gwetlha go ela tlhoko gore fa pula e nele ka bokete go kgona go nna le tlhagogo ya malwetse mangwe a tshwana le jwa letshoroma, a re morafe o tshwanetse wa dira tsotlhe tse di kgonegang go dibela matshelo a bone mo ditiragalong dipe tse di ka bakwang ke go ema ga metsi mo motseng wa bone.

Mo ntlheng e nngwe, o ne a ikuela mo banning go nna kutlo mo bagoging ba motse segolo jang mo go kgosi, a supa fa go dira jalo go ka tlhomamisa gore motse wa bone o robalelwa ke ditlhokwa. 

Monni wa motse oo,  Mme Kesentsemang Masole o ne a lebogela puso go bo e e fa balemi dipeo, a bolela fa dithuso tsa motlhale o di tsweletse ka go tlodisa Batswana dinokana di tletse.

O ne a gakolola banni gore ba ba tla fiwang dipeo mo pakeng e e tlang ya temo ba tlhomamise gore ba a lema gore ba tle ba kgone go itirela dijo mme malwapa a bone a kgone go oba letsogo.

A re go ka nna thona gore e re puso e leka go ba thusa ka fa e lekang ka teng, malwapa mangwe a bo a santse a ka wela mo isong ka ntlha ya tlala.

Mme Masole o ne a kopa bao ba ba lemileng go lemoga botlhokwa jwa go arogana thobo ya bone le bao ba bone ba sa huparelang sepe.

A re e re ka jaana go tswa gooLowe Motswana a ne a dumela mo go reng bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya tsie, e ka nna selo se sentle gore morafe wa motse wa Themashanga o tlhokomelane ka go tlhomamisa fa ope a sa lale ka tlala.

Kwa bokhutlong jwa tiro eo, banni bangwe ba ne ba abela kgosi ditswa-tshimong di akaretsa mmidi, maphutshi le dinawa, fa dingwe tsa dijo tseo tsone di ne tsa jelwa gone fa kgotleng e le tsela ya go supa botlhokwa jwa go arogana sepe se ope mo motseng a ka tswang a segofaditswe ka sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Moletlo wa go lebogela pula

Date : 23 Mar 2014