Puso e gatetse pele ka go thibela mogare go ya kwa leseeng
23 Mar 2014
Tona wa botsogo, Dr John Seakgosing a re puso e gatetse pele ka go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng ka dipalo di supa gore mo go bomme ba le lekgolo, ba le masome a fera bongwe le boferabobedi ba tshola bana ba ba se nang mogare e bile mo dikokelwaneng tse dingwe dipalo tse di kgona go tshwara lekgolo.
Tona Seakgosing o buile jaana fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Suping le Mmakanke bosheng. Tona o kopile setshaba go tlhokomela bana.
A re ga re setshaba ga se kake sa itekanela fa sebopelo sa ga mme se sa itekanela kgotsa peo ya ga rre e bolailwe ke majalwa le metsoko le dipe fela tse di ka koafatsang mmele, a tlatsa ka go re ngwana o bopiwa ke dipeo tse pedi fa di kopana di itekanetse.
O tlhalositse gore ke maikarabelo a puso go netefatsa gore peo e, fa e sena go kopana e e emele ka dinao. A re ke ka moo puso e reng fa mme a tlodilwe ke setswalo beke tse thataro a ye go bona ba bongaka ka go ke botlhokwa go bona ba bongaka go tlhatlhoba ngwana yo o mo sebopelong sa ga mmaagwe ga mmogo le botsogo jwa ga mme.
A re fa ngwana yo o imilweng ke mme yo o lwalang sukiri a gola thata go a tshwenya ka gore o felela a belegwa ka loaro. Ka jalo, go botlhokwa gore bomme ba ba itsholofetseng ba bone bongaka gore dilo tse di bonwe nako e sale teng.
O ne gape a tlhagisa gore ntho ya motho yo o nang le sukiri e bonya go fola fa gongwe ga e fole gotlhelele. Tona o kaile gore mo boimaneng go na le bothata fa mme a na le madi a matona ka a kgona go tlhokafala ka ntata ya bolwetse jo, segolo bogolo fa bo mo tlela a le mo ditlhabing.
Gape tona a re diemo tse di ntseng jaana di kgona go dira gore mme a belegisiwe nako ya gagwe e ise e tle. Le fa go ntse jalo, a re seemo se, se ka thibelwa fa mme a ka fefogela go bona ba bongaka.
O boile a tlhalosa gore mme yo o itsholofetseng o tlhatlhobelwa malwetse ka go farologana a tshelanwang le a a sa tshelanweng.m A re mme o tshwanetse go tlhatlhobelwa HIV ka a kgona go fetisetsa mogare kwa loseeng.
Tona a re ngwana fa a tshotswe o tshwanetse go nna le tlhokomelo ka go isiwa sekaleng kgwedi le kgwedi go bona gore o gola sentle go fitlhelela a nna dingwaga tse tlhano.
Tona a re o tshwenngwa ke gore o amogela pego ya gore tsabana jaanong e jewa ke borre.
O tsweletse ka gore puso ga e felele fela mo baneng ba ba dingwaga tse tlhano. A re bana ba ba dingwaga tse tlhano go tsena tse di lesome le bobedi ba alafiwa mahala ke puso.
O tladitse ka gore puso e dira se gore e re e tlaa re re tshaba e e itekanetseng, go bo go sa bolo go tlhokomelwa ngwana a sale mmotlana. O wetse ka go re fa setshaba sotlhe se ka neelana le puso ka boitekanelo, ke gone re ka kgonang go nna tshaba e e nonofileng ebile e itekanetse ka 2016.
E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Mmakanke ba bolelela tona gore boitekanelo ga bo kake jwa nna teng go se na metsi a a phepa e bile bana ba tsamaya mosepele o moleele go ya sekoleng.
Ba kopile tona go ba agela kokelwana ka palo ya batho jaanong e nonofile e bile e fetile makgolo a marataro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2014






