Breaking News

Dikoporase di a phutlhama - Shibaloko

20 Mar 2014

Mogolwane wa komiti ya dikoporase tsa baikopanyi ya Moshupa, Rre Phillip Shibaloko o tlhalositse fa dikoporase ka kakaretso di sa tsoga, di phutlhama ka bontsi. A re se, se dirwa ke go tlhoka boeteledipele jo bo nonofileng e bile bo iteilwe seatla.

Mo potsolosong bosheng, Rre Shibaloko o boletse fa dikoporase di rulagantswe ke morafe ka bo one, mme ba tlhopha maloko mo morafeng gore a tsamaise dikoporase. Rre Shibaloko a re ga go lebiwe bonatla jwa motho le kitso ya go tsamaisa dikgwebo, ke sone se di phutlhamang jaana.

Rre Shibaloko o boletse fa maloko a le boitseme go tsena diphuthego ka gore ga ntsi ba nna ba tshwaregile fela, a tlatsa ka go supa fa bangwe ba maloko ele balemi barui, fa bangwe ba ipereka. A re dikoporase tsa Moshupa di sa ntse di tsweletse mme sebe sa phiri ke gore go thata go kopana go tlhatlhoba dibuka tsa madi.

O ne gape a supa fa maloko a tsaya lebaka go tlhopha komiti e ntsha, bothata e ntse e le jone jwa go tlhoka go kopana sentle ntateng ya ditshwarego. O boletse fa maloko a tlola melawana mengwe e puso e e beileng.

A re ga go boammaruri gore koporase ya bone ya Moshupa e simolotse go itsa batho go baya madi kwa go yone, a bolela fa boammaruri e le gore dikoporase di beela maloko madi fela, mme ka ntata ya mowa wa bojammogo le boutlwelobotlhoko ba ne ba tlola molao, ba kwadisa ba bo ba beela mongwe le mongwe madi, a tlatsa ka gore mme ba simolotse go rotloetsa batho go isa madi kwa dibankeng.

Rre Shibaloko o boletse gape fa molao wa dikoporase o sa letlelele mekgatlho go baya madi kwa go bone le go beela batho ba eseng maloko madi. A re koporase ya bone e tlodile melawana ya dikoporase, mme ya nna boutlwelobotlhoko go beela mongwe le mongwe.

O boletse fa maloko a tshwanetse go nna masome a mabedi fela mme ka ntata ya boutlwelobotlhoko, koporase ya Moshupa e kwadisetse banni ba feta 7000 mo Moshupa fa mekgatlho yone e le 320, a bolela fa jaanong gole thata fa maloko a rotloetsa batho go isa madi a bone kwa dibankeng; ka ba a gana, ba tsaya gore ba rontshwa ditshwanelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2014