Kgotla e tlhoka mosekisiwa molato
20 Mar 2014
Lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le borataro la kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye le falotse ka bobi jwa segokgo mo bekeng eno fa le gololwa mo molatong wa go utswela mohiri.
Mmakaseterata wa Jwaneng, Rre Odirile Mokgatle o golotse Mpho Selelo morago ga gore bosupi jwa bosekisi bo palelwe ke go mo golaganya le molato wa go utswa motshine o o phunyang.
Dintlha tsa kgang di supa fa e rile ngogola ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi motshine o o wa nyelela mo mabeelong a khamphani ya Diamond Ndeti, e e neng e thapilwe go baakanya dikago kwa holong e kgologolo ya Jwaneng.
Ka nako eo, mosekisiwa e ne ele mongwe wa badiri mo khamphaning eo. Ba bosekisi ba ne ba bitsa basupi ba le bararo, mo go bone ele Rre Kelebemang Keofetlhile yo e neng ele ene mogolwane ka nako eo, mme a tlhalosetsa lekgotla fa motshine o ne wa tsena ka ga- re- itse.
Mosupi wa bobedi e ne ele Rre Sabata Khunou, yo a neng a supa fa mosekisiwa a ne a mo kopa go mmeela motshine o o phunyang kwa madirelong a a neng a berekela kwa go one a go tlhatswa dikoloi. A re morago ga dibeke tse pedi mosekisiwa o ne a tla go o tsaya.
Mosupi wa boraro e ne ele motlhotlhomisi wa kgang Sergeant Bakani Majasi wa sepodise sa Jwaneng yo kgang e neng ya begwa mo go ene ke mosupi wa ntlha.
Le fa go ntse jalo, mmakaseterata o ne a supa fa ba bosekise ba tlhotswe ke go rurifatsa fa ele boammaruri mosekisiwa a dirile molato oo. A re bosupi jo bo filweng ke basupi ba bararo bao bo paletswe ke go amanya mosekisiwa le molato o a o lebisitsweng.
O boile gape a tlhalosa fa go sena bosupi jwa gore ke boammaruri kompone eo e ne e na le motshine wa mofuta oo, a tlatsa ka gore gape mosupi wa ntlha o itse mmala wa motshine fela mme ga gona sepe gape se a ka o kayang ka sone.
Rre Mokgatle gape o ne a supa fa polelo ya mosupi wa bobedi e sena boleng bope jwa bosupi e bile e sa naalane le ya mosupi wa ntlha. O ne a bolela fa le jone bosupi jwa mosupi wa boraro bo sa thusa lekgotla ka sepe ka jaana bo ne bo ikaegile fela ka polelo ya mosupi wa bobedi.
Mmakaseterata o ne a tswelela ka gore, ga gona sepe se se supang kwa motlhotlhomisi a tsereng nomore ya motshine oo teng ka e ise e umakiwe gope e bile le one motshine o ise o ke o bonwe e sale nako e o neng o nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Tsheko
Date : 20 Mar 2014






