Breaking News

Siele a re Batswana ba lesego

20 Mar 2014

Batswana ba lesego go bo ba nale Tautona yo o kgonang go nna fa fatshe le bone a reetsa dilelo le dikeletso tsa bone.

Se, se buile ke Rre Peter Siele, mopalamente wa kgaolo ya Ngwaketse Borwa, fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Mokgomane, Magoriapitse le Molapowabojang bosheng.

A re se Tautona a se dirang, ele motsadi wa setshaba se melediwa mathe ke batho ba ditshaba di sele. O ne a mo eleletsa masego le matlhogonolo gore tiye mo tirong e ntle e a e direlang lefatshe leno.

Rre Siele, yo gape eleng Tona wa Lephata  la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o akgoletse Tautona go bo a tsamaya mo dikgotleng a abela dikereke dibaebele go thusa  Batswana  go ithuta lefoko la Modimo, a tlhalosa fa poifo Modimo ele tshimologo ya botlhale.

Mo go tse dingwe, mopalamente Rre Siele o ne a lebogela batlhophi ba kgaolo ya Ngwaketse Borwa sebaka se ba se mo fileng go ba emela kwa palamenteng.

Rre Siele, yo o tlaabong a sa emela ditlhopho tsa setshaba monongwaga, o tlhalositse fa sebaka se ba neng ba se mo fa gabedi ka tatelano go tloga ka ngwaga wa 2004, se se bileng sa mo fa sebaka se sengwe sa go emela dikeletso tsa Batswana botlhe jaanong ele tona, o se lebogela thata go menagane, a tlatsa ka gore ke thomo e a kabong a sa e bona fa e kabo ese ka tlhopho ya bone. Ends

Source : BOPA

Author : Topo Monnakgotla

Location : MAGORIAPITSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Mar 2014