Breaking News

Phuduso ya barutabana e tsaa lebaka

20 Mar 2014

Barutabana ba sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka go berekela mo lefelong le le lengwe lobaka lo loleele.

Ngongora e e ntshitswe ke motshwarelela mogokgo mo sekoleng seo Mme Mmapula Mokgadi mo postolotsong bosheng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa barutabana mo sekoleng seo ba na le lebaka la dingwaga di robabongwe go ya kwa go tse di lesome ba ntse ba berekela teng.  

Mme Mokgadi a re se se ngomolang pelo gape ke gore fa ba fudusiwa ga ba isiwe kwa dikgaolong di sele ba tswelela ba bewa mo kgaolong ya Kgalagadi. A re se se felela se kgoba barutabana marapo mo ba felelang ba sa ntshe maduo a a kgatlhisang.

Motshwaralela mogokgo o tlhalositse fa ba amogetse bana ba le 572  go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa boraro, ba mo go bone  bale 343 e le ba ba nnang mo sekoleng fa ba le 229 e le ba ba nnang mo motseng.

O ne a kaya fa bana ba sekole seo e le ba ba tswang kwa Werda le metse e mabapi e bong; Hereford, Kokotsha, Makopong le Draaihoek. O ne a kaya fa maduo a sekole seo a ntse a itumedisa, mme ngogola ke gone ba itemogetseng kwelo tlase go tswa kwa go 74.4 per cent  ka 2012 go wela kwa go  47.4 per cent ka 2013.

Mme Mokgadi o kaile fa e re ntswa ba leka ka bojotlhe gore ka nako tsotlhe maduo a bone a bo e le a kgatlisang, se se utlwisang botlhoko ke batsadi ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone.

O ne tswelela ka go kaya fa  komiti ya batsadi le barutana e sa bereke sentle ka le tsone diphuthego ba sa di tsenelele e bile gape  batsadi  ba sa  ikiteye ka thupana go tla go lekola ka fa bana ba ithutang ka teng.

A re mangwe a maiteko a ba a dirang go tokafatsa maduo mo sekoleng seo ke go ya go buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e bana ba tswang kwa go yone.

A re gantsi ba a bo ba remeletse thata mo tokafatsong maduo, ba buisana le batsadi le bana ka dikgwetlho tse di ba tshwenyang le go tswa ka ditharabololo tsa tsone, a tlatsa ka gore seo ba se dira ka nako ya malatsi a boitapoloso.

O ne a kopa batsadi go ema ka dinao go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka thusa thata go ba fa bokamoso jo bo eletsegang. Fa ama boitswaro jwa bana, o supile fa bo le botoka fa go tshwantshanngwa le jwa bana ba ba neng ba tsena mo sekoleng seo ngwaga oo fetileng.

O ne gape a kaya fa bana ba lebaganwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya matlo a boroko mo sekoleng seo, a supa fa bontsi jwa bone ba nna ba kgotlagane. Mme Mokgadi o ne a tlatsa ka go supa fa maikaelelo le maikemisetso a bone ele barutabana e le go dira ka manontlhotlho, go tshwaragana le botlhe ba ba nang le seabe go ntsha maduo a a kgatlhisang.Ends

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Potsolotso

Date : 20 Mar 2014