Breaking News

Makhanselara a atla mogopolo wa metsi

20 Mar 2014

Makhanselara a kgaolo ya Legare a supile fa ba le moono mongwe le ba lephata la metsi la Water Affairs wa gore ba simolole go phepafatsa metsi a a dirisitsweng a bo a dirisiwa gape ka ntlha ya go leka go somarela metsi ka jaana a tlhaela.

Ba dumelane le se ka Labobedi fa mothusa moeteledipele wa Water Affairs, Rre Pelotshweu Phofuetsile  a ba tlhalosetsa fa Water Affairs e tla lebagana le gore metsi a ka bonwa fa kae mo lefatsheng ba bo ba a dupa, fa ba Water Utilities bone ba tla neela batho metsi le gone go baakanya dipompo.

Fa a dumalana le moono, mokhanselara wa kgotlana ya Lecheng Rre Charles Mabjeng, o tlhalositse fa a sa bone e le sekgoreletsi sepe gore metsi a a dirisitsweng a tlhatswiwe, ka metsi one a a mo matamong a tla le naga a raletse leswe a bo a tlhatswiwa, morago a nowe.

O tlhalositse e le moono o o kgatlhisang ka e bile a kile a ya kwa Namibia kwa a fetileng a kgatlhiwa ke go bona ka fa metsi a a dirisitsweng a neng a tlhatswiwa ka teng. O kopile ba Water Affairs gore ba tseye makhanselara gore batle ba bone jaaka metsi a tlhatswiwa  gore  e re ba tlhalosetsa setshaba ka one, ba bo ba itse gore ba bua ka  ga eng.   

Mokhanselara Rre  Lazarous Lekgoanyana o ne a tlalaletsa mafoko a ga Rre Majeng a kopa gore makhanselara a seka a boifa sepe ka metsi a ka se dire sepe se se sa siamang mo go bone. O ne a tshwaela fa bogologolo go ne go nowa metsi mo megobeng a a neng a sa phepafadiwa.

Makhanselara a ne a tswa ka mogopolo wa gore go dirwe didiba mo dinokaneng, bogolo thata tse di kwa bokone jwa lefatshe ka go le dinoka tse dintsi e bile di nna di tlala metsi. Ba ne ba tlhalosa fa se, se ne se ka somarela metsi a a senyegang a feta le dinoka a bo a felela a ya kwa mafatsheng a sele.

Rre Phofuetsile  a re, o itumelela dikgakololo tsa makhanselara mme a araba potso e e neng e boditswe ke mokhanselara wa kgotlana ya Morupule Rre Jordan Makhura e a neng a re, go na le matangwana kwa Gaborone a kganelang gore letamo la Gaborone  le tlale, ka go tlala one pele morago ke gone la Gaborone le ka tshelang.

Rre Phofuetsile o tlhalositse fa matangwana a a dikaganyeditseng letamo la Gaborone e se one a dirang gore le seka la tlala mme le dirwa ke dipula tse di nang ka selekanyo se se kwa tlase kwa Gaborone.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Otshidile Kebalemoge

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 20 Mar 2014