Breaking News

Go onala ga diphaephe go oketsa tlhaelo ya metsi

19 Mar 2014

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile a re metsi mo borwa jwa lefatshe leno a a tlhaela ka go bo diphaephe tsa metsi di onetse.

Mopalamente Kesupile o buile mafoko a mo phuthegong ya phatlhalatsa ya phathi ya Botswana National Front (BNF) e a neng a e buisa ka mafelo a beke kwa Kanye.

A re diphaephe di onetse ka jalo metsi a feta fela a tlhoka se se a somarelang ke sone se go nang le mathata a mantsi a metsi mo lefatsheng leno bogolo thata mo kgaolong ya Borwa.

Rre Kesupile a re puso e ne e rile  e tla a dira  thulaganyo ya  go isa metsi  kwa Kanye ka ngwaga ono wa 2014 mme jaanong go  tlosoloseditswe kwa ngwageng e e tlang ya 2015, a re o tlhobaediwa ke gore go ka boa ga tlosolosiwa gape.

Rre Kesupile o tsweletse a kopa puso go goga metsi kwa kgaolong ya Kweneng ka jaana metsi a le mantsi teng, a tlhalosa fa  didiba tsotlhe tsa  kgaolo ya Borwa di kgadile.

Mo go tse dingwe, Rre Kesupile o tlhalositse fa thuto ya lefatshe leno ele lolea e bile go sena tsholofelo ya gore e ka tokafala.

A re puso e itlhokomolosa tshekatsheko ya thuto e e dirilweng ka ngwaga wa 1994, a re seo se dirwa ke go bo e ka tokafatsa matshelo a batho ga ba ga tloga ga kgoreletsa mananeo a Ipelegeng le nyeletso lehuma, ka a ka tlhoka yo o a berekang.

E bile o ntshitse matshosetsi a gore setshaba se seka sa solofela gore seemo sa motlakase se tla a  tokafala mo bogaufing ka jaana le kwa Gaborone go sena tsholofelo , a re o kgaoga motshegare o boe bosigo.

A re mapodisi a Gaborone a setse a fetogile dipone tsa taolo ya mosepele, ka jaana ke bone jaanong  ba laolang metsamao ya  dikoloi mo Gaborone mo boemong jwa  dipone tseo.

Mongwe wa dibui ebong Rre Pako Sealetsa a re re ntswa lefatshe leno le reka motlakase kwa Aferika Borwa,bone ba reka magala a a o dirang mono. Rre Sealetsa a re mathata a motlakase a tsile go digela thuto kwa tlase go gaisa jaaka go ntse go direga.

O kopile batlhophi segolo jang banana go bontsha BDP diphoso tsa yone ka go ba tlhopholola ka talama.

Rre Sealetsa o tsweletse a re, go nale dingwaga di le tlhano go ya kwa go tse di lesome puso e  dirisa madimadi  go  nyeletsa  lehuma mme go sena maduo.

A re ditlhotlhomiso di supa fa lefatshe leno le lekana le la Zimbabwe ka lehuma.

O bile a re puso e direla batlhoki  ditshingwana tsa merogo mo segotlong e sa ele tlhoko gore nako nngwe metsi a tla a bo a kgadile. 

Mokwaledi wa Umbrella for Democratic Change( UDC) wa kgaolo ya botlhophi ya Kanye Bokone Rre Kabelo Lemme ene o kopile batlhophi go tswa mo diphathing tse di senang boamaaruri,mme ba tlhophe UDC  mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.

Rre Lemme a re nyeletso lehuma ga e kake ya thusa ka sepe fa batho ba ba neetsweng lenaneo leo ba santse ba lemela go ja, a bolela fa batho ba teng ba lema merogo go sena se ba e shabang  ka sone.

A re bone e le ba magata-mmogo ba itse fa temo-thuo  ele yone e e kabong e eteleditswe pele ka jaana Batswana ke balemi-barui ka tlholego.

E bile o kopile gore batho ba bolelelwe boamaaruri fa go buiwa ka mananeo jaaka la banana, a gatelela ka gore bone fa ba tsaya puso ba tsile go bua nnete. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 19 Mar 2014