Breaking News

Morupisi o tlhatlhelela badirela puso

19 Mar 2014

Moeteledipele wa lephata la khiro la badirela puso o gakolotse badirela puso go itse ditshwanelo tsa bone.

Rre Carter Morupisi o buile se fa a ne a buisa phuthego ya badirela puso kwa Serowe ka Mosupologo. A re badiela puso ba tshwanetse go itse gore ba tshwanetse go dira eng le gore ga ba a tshwanela go dira eng.

Rre Morupisi a re tiro ya bone e tona ke go tsamaisa mananeo a puso ba sa lebe gore ba thusa bo mang, mme ba thusa Batswana ka kakaretso le ka go lekana.

O ne a bua mafoko a, a gatelela tshetlana ya gore fa o le modirela puso ga o a tshwanela go nna le seabe mo polotiking, go nna leloko kgotsa wa nna kgatlhanong le phathi nngwe ya sepolotiki.

A re bodirela puso ke fela jaaka leina le supa mme ba tshwanetse go direla setshaba, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go ikgapha mo go tsenyeng sepolotiki mo ditirong tsa puso.

Rre Morupisi a re nngwe ya matshego a bodirela puso ke go bona gore Batswana botlhe ba akola ditirelo tsa puso mme e bile go sa sokamelwa gope ka ntlheng ya sepolotiki.

A re fa go ka nna jalo go ka diga le yone itsholelo ya lefatshe ka jaanong go tlaabo go thusiwa palo e potlana go lebilwe sepolotiki.

Fa a bua ka kgang ya bodiredi mo tirong, Rre Morupisi o ne a gakolola baeteledipele go tsaya tiro ya bone tsia bogolo jang fa go tla kwa nakong ya go busa diphetolo kwa setshabeng.

A re dikgang tse ga di jese monate ele ruri ka gore gantsi dikgang ga di rarabololwe ka nako mme di felele di senyegile kgotsa di sa tlhole di kgonagala.

O ne a tlhalosa fa dikgang tse di kgoreletsa le yone tiro ya bodirela puso tota. Rre Morupisi o ne gape a kopa badirela puso go ikitaya ka thupana go isa bodiredi jwa bone kwa godimo.

A re fa go tla mo dikgannyeng tsa bodirela puso, lefatshe la Botswana le fag are fa le tshwantshanngwa le a mangwe a le phadisanyang le one, a tlatsa ka gore ga se ka gobo le palelwa kana le ka tswa le sena babereki ba ba nang le dikitso le boitseanape jo bo kwa godimo.

A re go lemogilwe fa bodirela puso bo ile kwa tlase ka gore le ka fa go isiwang ditiro kgotsa ditlamelo kwa bathong ka teng go bonya e bile le jone bodiredi ga bo sa tlhola bo ikanyega.

Rre Morupisi a re modirela puso o tshwanetse go nna le boikanyego le maitshwaro a a eletsegang mo setshabeng go tshwana fela le gone go tla tirong ka nako.

A re badirela puso ba tshwanetse gape go nna boikobo, boineelo, go dirisana sentle mo tirong gore ba fitlhelele toro ba le mmogo go bona maduo a a eletsegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya badirela puso

Date : 19 Mar 2014