Breaking News

Kwa Kgalagadi ba ipela ka dijo tsa tlholego

19 Mar 2014

E re le ntswa batho  ba kgaolo ya Kgalagadi e le merafe e e tlotlegileng thata ka go tsoma go tswa goo lowe, go santse gole gontsi mo go sa itsiweng ka morafe oo.

E rile mo potsolotsong bosheng , mongwe yo o tsholetsweng, a golela a bo a nyalelwa mo kgaolong eo, Mme Goitsemang Tsietso  a tlhalosa fa batho ba Kgalagadi  ba rata dijo tsa bone tsa setso fela  thata.

Go ya ka Mme Tsietso, kgaolo ya Kgalagadi e humile dijo tsa tlholego jaaka mahupu, mesumo, motsotsojane,  borekhu, sengana le tse dingwe.

Mme Tsietso a re, mahupu ke dikungwa  tse di bonalang ka dinako tsa mariga morago ga dipaka tsa pula tse di namagadi. A re ka ditebego a tshwana le ditapole, a runya kwa  tlase ga mmu, a itshupe ka go phanyega ga mmu gore a setse a tiile.

O tsweletse a tlhalosa  fa mahupa a apewa fela jaaka ditapole, a ka besiwa mo thureng ya molelo  kana a apewa ka metsi a tsentswe letswai  go a natefisa fa a jewa.

Mme Tsietso a re, mahupu ga se one fela dijo tse batho ba Kgalagadi ba itsegeng ka go di ja, a re,  ba itsege ka go dira kofi e e monate ya motlopi. A re gona le batho bale bantsi ba ba itshetsang ka go dira kofi eo.

O tsweletse  ka go supa fa go tlhokega motho yo o nang le boitseanape fa go tla mo go tlhopheng motlopi o o monate go dira kofi.  A re go dirisiwa midi ya one mme go tlhopiwa o o seng botlhoko.

A re medi ya setlhare sa motlhopi  e  a epiwa, e bo e obolwa letlalo le le kwa  ntle mme go tsweng  foo e omisiwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa e tla re morago ga go oma,  e silwe mme go tsweng  foo e gadikiwe go tlhakantswe le  sukuri gore o kgone go tshwaragana.

O kaile  gape  gore fa o tla itshupa gore  o  siame ke  go fetoga ga mmala  go nna  montsho, morago o silwe o bo o siametse go nowa. O  kaya motlopi o le monate fela thata go gaisa dikofi tse dingwe tse di fitlhelwang mo marekisetsong.

O  boletse fa batho ba ba nang le ditlamelo tse di rileng, ba ka dira dikgwebo ka motlopi mme wa ba tsisetsa dipoelo tse di bonalang.O tsweletse  a supa fa kofi  ya motlopi e sena metswako epe  e e sa siamelang botsogo jwa motho, ka jalo a re puso e tshwanetse go rotloetsa batho go nwa mofuta oo wa kofi.

Go ya ka Mme Tsietso batho ba Kgalagadi ba tlotlile go ja gape le  dithotse.  A re ga go jewe dithotse tsa lerotse lengwe le lengwe, a supa fa go jewa tsa lotlho. A re lotlho ke mofuta wa lerotse la  dithotse tse di boleta gona le tse dingwe.

O tsweletse a re,  dithotse di a tlhatswiwa mme di bo di  gadikiwe di latlhetswe letswai. A re,  di simolola ka go thunya mo pitseng  fa di setse di budule. O supile fa dithotse di ka jewa fela di ntse jalo kana  di ka silwa tsa tlhakanngwa le moretlwa kana tsa tsenngwa mo legodung.

Mme Tsietso a re batho ba kgaolo eo ke batho ba tshela le ka sengana. A re  sengana se tshwana fela le phane, mme  pharologano ke gore sone se fitlhelwa mo setlhareng sa mongana e bile ga sena mmitlwa. A re fela jaaka phane se a tshwarwa,se bo se omisiwa kana  se jewa se sale metsi.

O gwetlhile batho go inaakanya le dijo tsa setso ka a re di siametse botsogo jwa bone, gape ga di lope madi ape. A re banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba tshwanetse go ipelafatsa ka dijo tsa bone tsa setso  fela jaaka merafe e mengwe e tshwana le ya Bakalaka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gagankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2014