Banana ba BDP ba tlhopha komiti ya kgaolo
18 Mar 2014
E ne yare kgwedi eno e le lesome le botlhano, banana ba phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba bo ba kokoane kwa Masunga go tlhopha komiti ya banana mo kgaolong eo.
Mo ditlhophong tseo, Rre Jenamiso Jerry o ne a tlhophiwa modulasetilo wa komiti, a fenya Rre Bose Sethupa ka batlhophi ba le masome a mane le borataro kgatlhanong le ba le masome a mararo.
Maemo a mothusa modulasetilo a ne a gapiwa ke Mme Veronica Boitshwarelo, a sena go tlhophiwa ke batlhophi ba le masome a mabedi le bosupa, a fenya ba a neng a gaisana le bone ebong Bomme Keitumetse Nkoshwane le Ketugetswe Robby, ba bone ba boneng batlhophi ba le masome a mabedi le boraro le masome a mabedi le motso ka go latelelana.
Rre Edwin Kgosiemang o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa komiti fa Rre Ofentse Kavisa ene a tlhophilwe go nna mothusa mokwaledi. Maemo a motshwara madi wa komiti le mothusi wa gagwe, a ne a tsewa ke Rre Bose Sethupa le Mme Keitumetse Nkoshwane ka go latelelana ga bone, ba sena baganetsi.
Go ne ga tlhophiwa le maloko tlaleletso a komiti a le lesome le bobedi. Fa a ema komiti pele ka lefoko,monana wa phathi mo kgaolong Rre Simon Moabi, yo gape e leng leloko la komiti kgolo ya khuduthamaga ya banana , e bile e le ene yo o neng a tsaimaisa ditlhopho , o ne a gwetlha komiti go tsaya boikarabelo jwa go bereka ba lomile molomo wa tlase, a re gape ba tshwanetse ba dira jalo go baakanyetsa ditlhopho tsa monongwaga.
Rre Moabi o kopile banana ba Domkraga go dirisa komiti eo, ka go dira le yone, ba e bontsha diphoso le go e gakolola fa go tlhokafalang teng, a tlhalosa fa komiti e ka tiya ka bone.
E ne e rile go le pele, Rre Moabi a gakolola kokoano eo go tlhopa maloko a komiti a a nang le boleng, e bile a ikemiseditse go direla phathi ka botswapelo go e isa kwa mankalankaleng.
O ne a ba itsese gape fa komiti e tla bo e lebanwe ke mokgweleo wa go baakanyetsa bokopano jwa monongwaga jwa banana ba Domkraga lefatshe leno ka bophara, jo bo tla tshwarelwang mo Masunga go simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le boferabongwe.
Rre Moabi a re puso ya BDP e itlamile go tlhabolola batho ba lefatshe leno, a re seo se supiwa ke mananeo a dithuso ka go farologana ga one, a a diretsweng gore Batswana ba a dirise go tokafatsa matshelo a bone, ka jalo a gwetlha bakaulengwe ba gagwe go dirisa mananeo ao go tlhabolola matshelo a bone le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko.
E rile a ntsha la gagwe morago ga tlhopho, Rre Jerry a solofetsa MaDomkraga a kgaolo ya Tati Bophirima gore o tla dira gotlhe mo a ka go kgonang go netefatsa gore ditsholofelo mo go ba ba mo tlhophileng e nna tsone.
A re maikaelelo a gagwe a magolo ke go bona phathi ya BDP e gapile dikgaolwana tsotlhe tsa Tati Bophirima, go balelwa tsa Zwenshambe le Kalakamati, tse mo nakong eno di leng mo diatleng tsa kganetso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Tlhopho - komiti
Date : 18 Mar 2014






