Breaking News

Itumeleng Bakery e dira sentle thata

17 Mar 2014

Mookamedi wa kgwebo ya borotho ya Itumeleng bakery kwa Block 2 mo Francistown, Rre Joseph Itumeleng wa dingwaga  tse  di masome a matlhano le bone,  a re kgwebo ya gagwe e dira  sentle fela thata mo go lala ka tlala e leng kgang tsa maloba mo go ene le ba lelwapa la gagwe.

Rre Itumeleng, yo o direlang  mo lelwapeng la gagwe, o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a bolela fa botsipa jwa go apaya borotho a bo amule mo dikgwebong tsa borotho borotho ka go farologana, tse  a kileng a di direla.

A re o ne a tlogela tiro ka mabaka a dituelo tse di kwa tlase tse di neng di sa lekana go re di ka mo tshetsa le ba lelwapa la gagwe.

Morago ga go tlogela tiro o ne a apeela borotho mo lelwapeng la gagwe, le fa go ne go na le dikgwetlho jaaka go tlhoka didirisiwa,le go rekisa go sena dipoelo.

Rre Itumeleng o ne a tlhalosa fa a ne a ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma mme ba ofisi eo batla go mo sekaseka, morago ga dikgwedi a bona  mokwalo o o supang fa a atlegile mo lenaneong leo.

A re mo nakong eno o thusa batho ba ba fang babereki ba ipelegeng dijo letsatsi le letsatsi.

A re o thapile badiri ba le bane go tswa mo malwapeng a a farologaneng; ele maiteko a gagwe a go thusa puso go tlhama mebereko.

Rre Itumeleng a re jaaka ele mookamedi wa kgwebo eo, o eletsa gore mo dingwageng tse tlhano tse di tlang abo a na le madirelo a matona thata go ka rekisetsa Batswana ba le bantsi le go thapa ba  bangwe .

O tsweletse ka go tlhalosa fa mongwe le mongwe a gololesegile go tla go kopa dikgakololo kwa go ene; bogolo jang banana  jaaka ba eletsa go inaakanya le mananeo a puso a tshwana a temo thuo le a banana.

A re o rotloetsa gore bao ba ba batlang go thusiwang ka mananeo a nyeletso lehuma gore ba tlhokomele thata mananeo a bone le go dirisa madi ka fa go tshwanetseng, eseng mo go di sele, a tlatsa ka gore ba tlaa bona tswelelopele ga ba itshokela dikgwetlho ka tsone di nna di le teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2014