Breaking News

Seemo sa matlwana a boithomelo se a tshwenya

17 Mar 2014

Banni ba motse wa Thamaga ba buile ba sa kgwe mathe ka seemo se se maswe sa matlwana a boithomelo a a mo dikolong, se ba reng  beile botsogo jwa bana ba bone mo diphatseng

Ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa thuto Rre Patrick Masimolole ka Labone Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi kwa Thamaga.

Banni ba boleletse tona gore matlwana a boithomelo a leswe mo go tlhabisang ditlhong mo e bileng mo dikolong dingwe bana ba ithoma fela mo terateng ya sekolo. Ba kopile tona gore a kukunele dikolo ka bongwe ka bongwe.

Ba re, ntlha e nngwe e e bakang leswe ke go tlhoka metsi mo matlwaneng a boithomelo le diphaepe tse di tshabelelwang ke go senyega kgapetsa kgapetsa.

E ne yare a akgela, mongwe wa banni ba motse Rre Sekao Mpuseng, a bolelela tona gore dikolo di beetswe seelo se di tshwanetseng go se fitlhelela fa go tla mo dikagong le phepafatso ya tikologo mme se ga se diragadiwe. 

A re ntswa khansele e le yone e bayang seelo se, e nna yone gape e sa diragatseng melao e mo dikolong. 

A re go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya gore go nne le batho ba ba tlhokomelang dikolo kgotsa konteraka go fokotsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa go baakanya.

Fa a begela tona seemo sa thuto mo motseng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Mosipuri Mogorosi o tsibosa tona fa dikolo tse dipotlana di butswe go sena dijo mme o kopile gore seemo se se tokafadiwe ka bonako.

A re bontsi jwa matlwana a boapelo ga a mo tirisong a mangwe ga a ise a dirisiwe fa e sale a agiwa.

A re bodiredi le matlwana a borutelo bo a tlhaela. 

Mme le fa go ntse jalo o tlhalositse fa dikolo tsa Thamaga bogolo jang tse dipotlana di tsweletse ka go tokafatsa maduo.

Fa a tshwaela mo matshwenyegong a banni, mokwaledi yo mogolwane wa khansele potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Milton Keitshokile, o tlhalositse gore khansele e ne e lela ka ditlhwatlhwa  tse di kwa godimo tsa metsi, jalo e dirile ditshekatsheko tse di supang gore go tsaya lebaka go sa baakanngwe matlwana a boithomelo mo dikolong  e bile di methara tse di balang metsi le tsone ga di  bereke sentle.

A re dilo tse ke tsone tse di bakang ditlhwatlhwa  tse di kwa godimo le lone leswe le le kanakana.

A re le fa go ntse jalo, khansele e dirile thulaganyo e mo go yone ba kopileng batho ba ba farologaneng ba lenaneo la tirelo setshaba ba ba tla bong ba lebelela paakanyo ya dikolo. 

A re phepafatso ya matlwana a boithomelo ke boikarabelo jwa sekolo ka khansele yone e ntshitse batho ba ba phepafatsang.

O tsweletse a tlhalosa gore selo se se bakileng tiego ya go rekela bana dijo ke gore dijo pele di ne di rekwa ke puso mme jaanong thulaganyo e, e neetswe dikhansele go nna tsone di rekang dijo. 

A re go ne ga nna le madiadia mme seemo se mo taolong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Mar 2014