Breaking News

Tsibogelang seemo - Tshireletso

17 Mar 2014

Lephata la Boipelego mo kgaolong potlana ya Letlhakeng le laetswe go tsiboga ka ponyo ya leitlho go thusa ka dijo ngwana wa mona-le- bogole yo motsadi wa gagwe a sa kgoneng go ka bereka ka ntlha ya seemo sa ngwana se se tlhokang tlhokomelo ee  tseneletseng.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Ditshegwane mo kgaolong ya Kweneng Bophirima bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a nyatsa le go kgala tiego ya bodiredi jwa Boipelego mo go tsibogeleng seemo sa ngwana wa ga Mme Baganetseng Monnawatsie, a tlatsa ka gore ba ikgatholosa ntlha ya gore lephata le na le thulaganyo e faphegileng ka diemo tse di tshwanelang go potlakelwa.

Mme Tshireletso o ne a tsibogela kgang e mo go yone Mme Monnawatsie a neng a ikuela gore ba Boipelego ba ikgatholositse bothata jwa lelwapa la gagwe le fa a lekile go supa fa a retelelwa ke go bereka ka ntlha ya bogole jwa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di thataro mme a sa kgone go bua le go tsamaya a nna fela  a rapaletse.

Maboipelego wa Ditshegwane Mme Itumeleng Teo, o ne a tlhomamisetsa mothusa tona fa ba ise ba kgone go thusa Mme Monnawatsie ka jaana kgang ya gagwe e fetiseditswe kwa komiting e dirang ditsheka-tsheko.

Mothusa tona one a seka a amogela tlhaloso eo a supa fa seemo sa botshelo jwa mme yoo le morwae se sa tlhoke tsheka-tsheko ka jaana go le mo pontsheng gore lelwapa leo le tlhoka thuso, ka jalo a laela ba Boipelego go tsibogela seemo sa ngwana yo o, ga mmogo le go fiwa dijo ntle le tiego.

Mabapi le ngongorego ya batho ba metse ya Sesung le Ditshegwane ya gore khansele e emisitse go reka borotho jwa baapei ba mo gae go jesa sekolo mme e reka mo dibeikhareng, modula setilo wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Friction Leuwe, o tlhalositse fa ba ne ba patelesega go fapoga thulaganyo ka bothata jwa tlhaelo ya madi.

Rre Leuwe o kaile fa thulaganyo e ne ya faposwa ke go ja gabedi ga baithuti mo dikolong tsa kgaolo ya Kweneng Bophirima, mme khansele ya patikega go boele mo go rekeng borotho jwa dibeikhara thulaganyo e a kaileng e ne ele ya dikgwedi tse pedi fela ka madi a go fepa bana a ne a ka se lekane go duela baapei ba mo gae go lebilwe ditlhwatlhwa tsa bone.

Le fa gontse jalo modulasetilo  o kopile maitshwarelo mo go ba ba amilweng ke diphetogo tseo le go tlhoka go rera go sale pele mme a solofetsa fa seemo se tla boela mannong ngwaga wa madi o simologa.

Mabapi le tiego ya khansele go duelela baapei bao tiro e baneng ba e dirile, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Gobe Mudongo, o solofeditse fa ba tla a  tsibogela go dira dituelo ntle le tiego.

Kwa motseng wa Ditshegwane mongwe wa banni Rre Kebonang Kelebang o ntshitse tlhobaelo ka dipego tsa gangwe le gape tse di sa tshwarelang morafe sepe tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.

A re o tshwenngwa ke gore e re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ele tsone di tshwereng boikarabelo jwa dithoto tsa morafe, di bo di seke di dintsha dipego tse di tlhapileng tsa ka fa di tsamaisang ka teng bogolo jang ka tse di amang madi.

O supile ka monwana diofisi tsa lephata la Boipelego gore di ikgatholositse boikarabelo ja go tlhomamisa bogakolodi ka go netefatsa  gore dikomiti di sala morago tsamaiso ya  melwana e e di laolang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Mar 2014