Breaking News

Dikgaisano di rotloetsa go itshetsa ka bodiragtsi

13 Feb 2013

Mogokaganya ditirelo tsa kgaolwana ya Kabakae kwa Ghanzi, Rre Thomas France, o kopile banana go itshwara sentle.

O buile jalo kwa tshimolodisong ya dikgaisanyo tsa dikgaolo tsa bodiragatsi le moopelo. A re maikaelelo a dikgaisanyo tse, ke go bipolola le go lemoga botswerere mo bananeng kwa ntle ga metshameko.

Rre France a re dikgaisanyo tse di rotloetsa banana go godisa botswerere jwa bone jo ba ka itshetsang ka jone.

O tsweletse ka gore dikgaisanyo tse tsa bodiragatsi le moopelo, di rulaganyeditswe go kgapha banana mo ditirong tsa borukutlhi, nnotagi le gore ba ikgaphe mo ditseleng tse di ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV.

Rre France o ne a nankola melawana e e tsamaisang kgaisanyo a simolola ka gore bana ba ba tsenang sekole ga ba letlelelwe go tsaya karolo mo dikgaisanyong tse.

O ne a tswelela a re badiragatsi ga ba letlelelwe go gaisana ba itshietse, e bile ditlhopha ga di letlelelwe go tsaya karolo gabedi kgotsa go feta bongwe.

 Rre France a re batsaya karolo botlhe ba tshwanetse go supa meriti ya Omang wa bone o o rurifaditsweng e bile e le mo tirisong.

O ne a rotloetsa badiragatsi gore ba ba sa kgonang go fetela kwa legatong le le latelang ba se ka ba itlhoboga mme ba tsee dikgakololo tsa baatlhodi ka tlhoafalo ka e le tsone tse ba ka di dirisang go baakanya diphoso tsa bone.

E rile a amogela baeng, mokhanselara wa Kabakae Rre Norman Kelebemang a kopa badiragatsi, baatlhodi le barotloetsi go dirisana gore tiro e tsamae sentle. ENDS 

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Tshmolodiso ya dikgaisano

Date : 13 Feb 2013