Batho ga ba kgathalele molao wa kgotla tshekelo
17 Mar 2014
Mmakaseterata wa Molepolole, Rre William Modise e rile ka phakela wa Laboraro Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi a ntsha mokwalo o o laelang gore Mme Ontiretse Nku a tshwarwe mme a tsisiwe fa pele ga kgotla tshekelo morago ga go batliwa ke mapodise lobaka la dibeke tse pedi a sa bonwe.
Mme Nku yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano wa kgotla ya Motlhabane kwa Thamaga, o lebisitswe molato wa go kgathologa bana ba gagwe ba ba tlhano ba botlhe ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boraro.
Fa a tlhalosa, Makaseterata Modise a re, molao wa Botswana wa ditshwanelo tsa bana wa 2009, o tlhalosa fa motsadi yo o tlogelang ngwana mo tlhokomelong ya mongwe kgotsa lekalana lepe fela ntle le mabaka a a tiileng, a bo a sa tlamele ngwana yoo, a lebisiwe molato wa go kgathologa kgotsa go sa tsee ngwana sentle.
O tlhalositse gore fa moiphemedi a ka bonwa molato, a ka atlholwa madi a a seng kwa tlase ga P5 000 mme a sa fete P20 000 kgotsa a ka ya kgolegelong e e seng kwa tlase ga lebaka la dikgwedi tse thataro mme e sa fete lebaka la dingwaga tse pedi.
Mo potsolotsong, maboipelego wa Thamaga, Mme Motshidisi Senwedi o tlhalositse fa dikgang tsa bomme ba ba kgathologang bana e setse ele selo modiro mo motseng wa Thamaga.
Mme Senwedi o tlhalositse fa Mme Nku a na le dibeke tse pedi a sa bonwe ke mapodise mme go tlhalosega fa a tla bosigo mme a robale mo lapeng.
“Bontsi jwa bomme ba ba ikgatholosang bana, ba nyatsa molao ke se o bonang ba tsweletse ka go dira jalo le fa bomaboipelego ba re ba a ba gakolola.
Le fa motho a itse fa a lebisitswe molato a batliwa ke mapodise, o tswelele ka go iphitlha.
Re felela re patelesega go ba tsisa kgotla tshekelo le fa re ne re se mo maikakelelong a go dira jalo,” Mme Senwedi a bolela.
Mme Senwedi a re mo nakong ya gompieno bana bao ba mo tlhokomelong ya ga mogoloe moiphemedi ebong, Mme Keletso Nku.
A re ba setse ba gatisitse dikgang di feta botlhano mono ngwaga tsa bomme ba ba itholang maikarabelo a go godisa bana ba bone.
“Mabaka a mantsi, mme re itemogetse fa bojalwa e le mmangmang mo go tlhotlheletseng go phuaganya bana jaaka mo kgannyeng ya ga Mme Nku.
Bomme ba ba yang majako, go le gantsi re ba kopa go boela gae go tlhokomela bana mme ba a re ikgatholosa.
Re ba gakolola go batla ditiro mo gae ka e bile lenaneo la Ipelegeng le ba thapela ruri, ba sa fapaane le ba bangwe.
Kgotsa re ba senkele sepe fela se se ka ba thusang go itshetsa gore ba kgone go tlhokomela bana ba le gaufi nabo,” Mme Senwedi a tlatsa.
Rre Modise o laotse gore Mme Nku a batliwe mme a tsisiwe mo lekgotleng fa a bonwe, mme kgang e beetswe go tsena kgwedi ya Mopitlwe ele malatsi ale lesome le boferabongwe, fa Mme Keletso e tla a bo ele mosupi wa puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 17 Mar 2014






