Breaking News

Bahurutshe ba a tlhobaela

17 Mar 2014

Bahurutshe ba motse wa Mmankgodi, ba supile fa ba sa robadiwe ke seemo sa ditlhabololo tse di sa bonaleng mo motseng wa bone.

Ba kaile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso Rre Patrick Masimolole bosheng.

Ba re ba ipotsa gore ba diretse puso bosula bofe, gore ba tingwe ditlhabololo mo go setseng go le mo mpaananeng.

Fa a bua, modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse, Rre Jerry Tau o kaile fa motse wa bone o saletse thata kwa morago mo ditlhabololong, mo e bileng okare ga ba  gaufi le toropo.

A re Mmankgodi o lefifi, ga a na ditsela e bile ga gona ditlhabololo dipe tse di rokotsang mathe mo motseng oo.

Rre Tau a re seemo se, se ngomola pelo bogolo thata ka dinako tsa dipula ka ba lwela ditsela le dikoloi.

O kopile puso gore e ba agela motshelakgabo go kgaola bana ba dikole maoto ka dinako tsa dipula, a re borogo jo bo teng bo kgakala thata le dikole.

O ne gape a kaya fa bana ba motse, ba tsamaya sekgala se seleele go ya sekoleng ka jalo ba goroga kwa dikoleng ba lapile.

A re, “Bana ba tsena kwa sekoleng ba le mo letsapeng ba bo ba thulamela, ba sa itire, ele letsapa.”

A re ba nna ba solofediwa ditlhabololo mme ga di goroge, a kaya fa ba setse ba ikopetse kokelo mo makgotleng a a ikemetseng ka nosi, mme a re maiteko a, a kgaupediwa ke ba lephata la botsogo ka madiadia.

O tsweletse a re lephata la botsogo, le setse le kgoba marapo baithaopi ba, ka ba ba lopa go tla ka se, morago ga se.

A re gape, motse wa bone ga ona le fa ele koloi ya puso e le nngwe, ntswa go nale dikole tse tharo, kokelwana, ofisi ya ga maboipelego le ofisi ya kgotla.

Rre Tau a re seemo se, se dira gore go nne thata gore bodiredi bo ntshe maduo le go dira maitlamo a bone mo setshabeng.

Fa a akgela, Rre Masimolole a re, ga se maikaelelo a puso go tima Batswana bape ditlamelo, a re go santse gona le leshekere la madi. Le fa go ntse jalo, o ba tshepisitse go isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a ba kopa go se fele pelo ka ditlhabololo di tla goroga.

Rre Masimolole, o supile fa a sa itumelele seemo sa thuto se se welang tlase mo lefatsheng leno.

A re dikole tsa Mmankgodi, di ntse di sa dire sentle thata mme a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana.

O ne gape a lela ka go dirisiwa ga dinotagi le motokwane ga bana ba sekole, a bo a tsibosa batsadi gore ga gona ngwana yo o ka pasang a inaakantse le ditagi.

Fa banni ba akgela, ba re ba tlhobaediwa ke thuto ya sekole se segolwane sa Kagiso kwa Ramotswa.

Ba re sekole se, se phirimisa ditoro tsa bana ba bone, ba tlatsa ka gore le fa ngwana a ne a solofetsa, fa a goroga kwa Kagiso, lesedi le a neng a na le lone le a phirima. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : MMANKGODI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Mar 2014