Breaking News

Go sireletsa diteemane boikarabelo jwa botlhe

17 Mar 2014

Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Albert Milton o kopile makalana ka go farologana go nna le seabe mo go lwantsheng bogodu jwa diteemane.

A re tlhwatlhwa ya diteemane mo matshelong a Batswana le mo go tlhabololeng lefatshe leno ke e kgolo, ka jalo ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go lwantsha bogodu jwa tsone.

E rile a bua kwa tsosolosong semmuso ya setlhopha se se rutuntshang ka botlhokwa jwa diteemane gammogo le go di sireletsa sa Diamond Control and Awareness Team (DCAT) bosheng, Rre Milton a kopa batsayakarolo go sireletsa diteemane ka botswapelo gore di tswelele di tlhabolola lefatshe la Botswana jaaka di ntse di dira mo dingwageng tse di fetileng.

A re tlhwatlhwa ya diteemane mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana ke e kgolo e bile di na le seabe se segolo mo go tsiseng madi a mafatshe a sele mono gae.

O boletse fa boikarabelo jwa go sireletsa diteemane e se jwa babereki ba meepo ya Debswana fela, mme ele jwa Motswana mongwe le mongwe.

A re ere ntswa moepo wa Jwaneng, le yone Debswana ka kakaretso, di itlamile go rutuntsha setshaba ka mananeo a tshwana le bo DCAT, go botlhokwa gore batsayakarolo ba bangwe ba tsenye letsogo. A re tshwaragano ya batsayakarolo ke selo se se botlhokwa se se ka ba kgontshang go lwantsha bogodu jwa diteemane.

O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke gore teemane ke letlapa le lennye le le utswegang motlhofo e bile go le thata go lemoga fa le utswilwe.

Rre Milton o tlhalositse fa bogodu jwa diteemane bo golela pele lefatshe ka bophara, mme ebile meepo ya Debswana le yone e amiwa ke bogodu joo.

A re se ke kgwetlho gore go nne le mananeo a a nitameng a a ka thatafaletsang magodu a diteemane tiro.

O kopile badiri ba moepo wa Jwaneng le setshaba ka kakaretso go itlama go sireletsa diteemane ka go nna maloko a DCAT le gone go nna babueledi ba yone gongwe le gongwe fa ba leng teng. A re se se ka thusa moepo oo go lwantsha bogodu jwa diteemane motlhofo. 

Le fa go ntse jalo, Rre Milton o ne a lebogela seabe sa maphata a farologanyeng, a akaretsa bogogi jwa toropo, ba sepodise ga mmogo le lephata la twantsho borukutlhi la DCEC mo go lwantsheng bogosu jwa diteemane.

O tlhagisisitse fa mongwe le mongwe yo o batlang go bega dikgang tsa bogodu jwa diteemane a ka leletsa mogala wa mahala wa 0800 600 333 kana a begela mapodise ape fela a a gaufi mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Tsosoloso semmuso ya setlhopha se se rutuntshang ka botlhokwa jwa diteemane

Date : 17 Mar 2014