Ba Nlapkhwane ba supa komiti ya VDC ka monwana
17 Mar 2014
Banni ba motse wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile komiti ya ditlhabololo tsa motse oo ka monwana ba re ga e tsamaise dilo dingwe mo motseng ka fa tshwanelong.
Ba buile jalo ba akgela mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, City Kealotswe, kwa motseng oo, bosheng.
Banni ba tlhalositse fa maloko a komiti eo ba sa dire dilo ka tekatekano e bile ba sa sale tsamaiso morago ya go thapa babereki ba Ipelegeng mo motseng, ba bolela fa maloko a na le mokgwa wa go ipoeletsa gangwe le gape, ba fapaana maemo a a leng teng mo lenaneong leo.
Bangwe ba ne ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke komiti eo mabapi le go tlhopha batho ba ba welang mo lenaneong la batlhoki. Ba re go dira dilo ka tshokamo ga komiti ya VDC go jesetsa banni ba bangwe mo kgobedung, ka e bile go na le bangwe ba malwapa a bone a felelang a wela mo isong go sena tsone diamaleng.
Mme Galani Chitoto a re banni bangwe ba motse ba kgona go digela ngwaga ba ise ba ko ba bereke mo Ipelegeng, ka jalo a kopa gore bogolo go okediwe dipalo tsa babereki mo motseng ka e bile le dipalo tsa batho mo motseng di oketsegile
E ne e rile a lekodisa modulasetilo ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nlapkhwane, Rre Falani Masalila, a tlhalosa fa motse o o hira babereki ba Ipelegeng ba le masome a mane le bone kgwedi le kgwedi. Rre Masalila o ne a bo a kopa gore go nne le kokelwana e e ka latelang batho kwa kgotlaneng ya Malobela ka jaana e le kgakala le kwa kokelo ya motse e leng gone, mme seo se sokodisa banni ba kgotlana eo ka ba kokonelwa ke mosepele fa ba batla go bona dithuso tsa ba bongaka.
Modulaselo wa komiti o ne a bo a kopa gore tanka ya metsi e e beilweng kwa kgotlaneng ya Mtombo go thusa banni ba koo ka metsi, e nne e tshelwa metsi ka jaana banni ba tshelela mo lenyoreng, a bolela fa ba Water Utilities Corporation ba le maoto a tshupa go tshela metsi mo go yone.
Rre Masalila a re mo nakong eno banni ba kgotlana eo ba ikantse metsi a megobe, a tlatsa ka go supa fa se sele borai mo matshelong a batho.
A re o ipotsa gore fa metsi a kgala batho bao ba tla leba kae. O ne a bo a kopa puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa maloko a VDC.
Monni mongwe wa motse, Mme Dineo Mosinyi o ne a akgela ka go rotloetsa maloko a VDC go eteletsa pele mowa wa boithaopo, mme ba beela kwa thoko mogopolo wa go kopa koketsego ya dikatso. Mme Mosinyi a re maloko a VDC a sego ka ba bona sengwenyana fa ba tshwantshangwa le dikomiti tse dingwe tse di leng teng mo metseng, tse tsone di sa boneng sepe gotlhelele.
Fa a tswa la gagwe Rre Kealotswe, yo gape eleng mokhanselara wa kgaolwana ya Mapoka, o ne a gakolola maloko a VDC go itse fa e le bone palamente ya motse, ka jalo tshwanelwa ke go dirisa dithulaganyo tse di tlhamaletseng fa ba dira dilo mo motseng, a re eseng jalo, seo seka diga seriti le serodumo sa motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Mar 2014






