Itlhatlhobeleng malwetse
17 Mar 2014
Go bolelwa fa borre ba tlhokafala ka bontsi ka ntlha ya go itshoka ka malwetse ba ipolelela gore ba tla a fola.
Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba, Rre Tshekiso Sorinyane, fa a ne a bula letsatsi la botsogo le le neng le rulagantswe ke ba khansele potlana ya Ramotswa.
Rre Sorinyane o kopile borre go itlhatlhobela malwetse ka go farologana, gore ba tle ba tseye kgato fa go na le bothata, a tlhalosa fa mmereki yo o sa tsogang sentle le tiro ya gagwe e ka se tsoge.
O boletse fa borre bangwe ba tshaba go itlhatlhobela mogare wa HIV, mo ebile ba eletsang gore ba ka itlhatlhoba bosigo ba sa bonwe ke ope.
E rile a ntsha la gagwe, mogolwane go tswa kwa bankeng ya First National, Rre Katlo Koma, a kgothatsa babereki ba khansele potlana ya Ramotswa go tsaya letsatsi la botsogo ka tlhoafalo, ka le aga botsalano.
Rre Koma o kaile fa malatsi a gompieno a tsamaisana le gore motho o na le eng, ebile o kgona eng.
A re fa motho a sena madi, segolo bogolo a hirisitse; le fa a a sena madi go duelela bana kwa sekolong, a ka se tsoge sentle, ka jalo go le botlhokwa gore motho a nne le botsogo jo bo siameng mo go tsa madi.
Rre Koma o kopile gape gore batho ba botse ka dithulaganyo tsa madi, a supa fa kitso e le maatla.
O boletse fa madi a laolwa ke motho, mme ka jalo a tshwanetse go bona gore o a dirisa sentle jang gore le ene a tshele sentle kana a bone botsogo jo bo itekanetseng; a tlatsa ka gore khumo e tona mo mothong ke botsogo jo bo itekanetseng. A re keletso ya motsadi mongwe le mongwe, e le go bona bana ba gagwe ba tshela botshelo jo bo botoka gona le jwa gagwe.
Rre Koma o gakolotse batho gape go tila dikoloto le gone go netefatsa gore fa di le teng ba di duela nako e sale teng, go itsa dipharagobe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la botsogo la khansele-potlana ya Ramotswa
Date : 17 Mar 2014






