Banana ba borre ba saletse kwa morago
17 Mar 2014
Go bolelwa fa banana ba borre ba saletse kwa morago go tla go itseela ka tsebe mo go tsa bongaka le dikgakololo tebang le botsogo kwa kokelwana ya banana e e kwa sepateleng sa Scottish Livingstone mo Molepolole.
Se se tlhalositswe ke Mme Onneile Akanyang mo potsolotsong le ba BOPA, a tlhalosa fa bomme ele bone fela go lebegang ba iketleetsa fa borre bone ba le maoto a tshupa.
Mme Akanyang o ne a tlhalosa fa kokelwana e e dira sentle fela thata, ka dipalo tse ba di bonang di oketsega tsatsi le letsatsi. A re le ntswa dipalo di golela kwa godimo, borre ba saletse kwa morago, ka dipalo tsa bone di nna dile kwa tlase fa di tshwantshanngwa le tsa bomme.
A re fa ka kgwedi ya Hirikgong mono ngwaga go tsile banana ba le 526 mme mo dipalong tseo borre ba ne ba le 240 fa bomme ba ne ba le 286.
Mme Akanyang o ne a gwetlha banana ba ba sa ntseng ba saletse kwa morago go etela kokelwaneng eo gore e ba tswele mosola.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go na le tsa itloso bodutu mo kokelwaneng, go thusa banana go tsamaisa nako ba sa ntse ba letile go ka thusiwa.
A re kokelwana e e solegela thata mosola bana ba ba tsenang dikole ka ba ba thusa ka bonako gore ba kgone go tshwara dithuto kwa sekoleng, a tlatsa ka go supa fa se se thusitse ka ba na ba sa tlhakane le bagolo.
O ne a rotloetsa banana botlhe ba Molepolole le metse e e mabapi, bogolo jang borre gore ba dirise kokelwana ya bone; a rotloetsa thata gore ba tle go itlhatlhobela malwetsi a dikobo le gone go tsaya dikausu.
A re ka tsela e, banana ba ka thibela go ima ba sale mo dikoleng, le go tsaya dithuto ka diphetogo tsa mebele ya bone.
Omphile Methe, yo o dingwaga di masome a mabedi,a le mo ithutuntshong kwa kokelwaneng eo, ka fa tlase ga lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES), a re le fa a lekana le banana bangwe kana ale monnye mo go ba bangwe ba tshwanetse go gololosega go bua le bone ka mathata a bone ka ba ka ba thusa.
A re banana ba phuthologe go bua gore ba batla go thusiwa ke mang mo kokelwaneng, a fa sekai sa gore fa rre a batla go thusiwa ke mooki wa rre a bue, ka moo go ka dira gore a gololosege go bua gotlhe mo go mo tshwenyang. Rre Methe o ne a bua fa banana ba tla ka dipalo tse dintsi mme a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana bogolo jang bo rre. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Margaret Motswana
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2014






