Breaking News

Ba rotloediwa go aba madi a mmele

17 Mar 2014

Moemedi wa Kokelo e e abang madi a mmele mo Molepolole o rotloeditse setshaba ka kakaretso go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo ka go le botlhokwa thata e bile go ka boloka matshelo.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Olebile Choko , a re go botlhokwa gore batho ba ba itekanetseng ba iketleetse go ya go aba madi kwa kokelwaneng ya madi a mmele mo  Molepolole kwa  sepateleng sa Scottish Livingstone.

O bile a tlhalosa gore makalana a mangwe a kwa Maun, Franscitown, Gaborone, Serowe  le Mahalapye. Rre Choko a re e a re ka dinako tsa pelegi, dikotsi, malwetsi a a tshwanang a fa mmele o sa kgone go itirela madi, madi a a abilweng ke one a thusang mo diemong tsa go tshwana le tse, a boa a tlatsa ka gore Batswana ba tshwanetse go ipaya mo seemong sa gore ba thusa ba masika le ditsala, le bone ka sebele, ka go sena ope yo o itseng gore eng se tla diragala leng.

Rre choko a re go a itumedisa ka dipalo tsa Batswana tse di thologelang kwa kokelwaneng ya  bone ya Molepolole go ya go aba madi a mmele di a nametsa, a tlatsa ka gore borre ba ne ba tla ka boutsana go le pele mme jaanong dipalo tsa bone di a godletse kwa godimo.

O ne a tlhalosa fa kwa tshimolodisong ya lenaneo ngwaga o o fitileng Batswana ba ne ba tla ka dipalo tse di kwa tlase, mme jaanong ba kgona go thusa batho ba ka tshwara bararo kgotsa bone ka letsatsi.

A re le fa gone go le botokanyana, o tshwenngwa ke gore Molepolole ke lefelo le letona. Ka jalo ba ba solofetse go feta boraro kgotsa bone jo, jwa malatsi otlhe.

Rre Choko o bile a tlhalosa gore  maikaelelo a bone e le lekalana la Molepolole ke gore e re ngwaga o fela ba bo ba kgonne go tlatsa dikgetse tsa bone tsa madi di le sekete le makgolo a mabedi.

O supile gore morago ga kgwedi tse supa ba ntse ba butse kokelo ya go aba madi ba kgonne go bona dikgetsana di feta makgolo a supa mme palo eo e nametsa e bile go supega ba ka nna ba feta palo e ba neng ba e solofetse. Rre Choko o ne gape a rotloetsa Batswana gore ba nne ba laletsa dikokelwana tsa madi go isa ditlamelo kwa bathong, bogolo jang fa go nang le batho ba ba palo e ntsi, a tlatsa ka gore ba bona dipalo tse dintsi tsa dikgetsana tsa madi fa ba tswetse kwa ntle, go na le fa ba leta batho mo kokelong go tla go aba madi.

O ne a tlhalosa fa makgetho a mantsi ba nna le maeto go tlhola kgaolo ya Kweneng fela ka bophara mme ba tle ba kgonne go thusiwa ke Batswana ka bontsi.

E rile a konetelela Rre Choko a tlhalosa fa ba bula kokelwana go simolola phakela ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme ba tswale ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bone maitseboa.

O ne a tlhalosa gape gore ba kgona go bula ka mafelo a beke fa morafe kgotsa lekalana lengwe le bona go tshwanela e bile go laleditswe batho ba le bantsi.

O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore e re motho a tla go aba madi a mmele a bo a itekanetse.

Rre Choko o ne a tlhalosa fa motho a aba madi a mmele fa bokete jwa mmele wa gagwe bo feta masome a matlhano e bile a le dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a marataro le bosupa.

O ne a tlhalosa fa bomme ba boa ba aba madi gape morago ga kgwedi tse nne fa borre bone ba nna lebaka la kgwedi tse tlharo gore ba e go aba madi legato le le latelang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2014