Breaking News

Ba re mabitla a dirwe ditsha tsa bonno

13 Feb 2013

Banni ba Kasane ba kopile gore mabitla a a mo teng ga motse a gopiwe, a bo a fiwa baikopedi go nna ditsha tsa bonno.

Ba buile se kwa phuthegong ya lekgotla la kabo ditsha go sekaseka molao kakanyetso wa kgaolo ya Chobe.

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha mo kgaolong ya Chobe, Rre Johane Chenjekwa, o tlhalositse gore maikaelelo a bone ke gore banni ba tle ka megopolo ya go dira molao o o tsamaisang kgaolo ya bone.

O ne a supa gore ba ne ba tla ka molao kakanyetso wa gore fa motho a filwe setsha a bo a palelwa ke go se tlhabolola, o ka se busetsa kwa go bone mme morago a nna le sebaka sa go ikopela se sengwe.

Rre Chenjekwa o ne a supa fa kgaolo ya bone e na le tlhaelo ya lefatshe, ka go bo bontsi jwa lone e le la bojanala mme se se baka letlhoko la bonno.

Banni ba ne ba kopa ba kabo ditsha gore ba ba rekisang ditsha ba se ka ba fiwa sebaka sa go neelwa se sengwe. Ba kgadile thata ba bo ba kopa gore go emisiwe mokgwa wa Batswana wa go rekisetsa batswakwa ditsha.

Morafe o ne wa kopa gore batswakwa ba seka ba fiwa ditsha mme ba ka fiwa sebaka sa go tla go dira dikgwebo ba tshwaragane le Batswana. ENDS 

Source : BOPA

Author : Seopile Simon

Location : KASANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Feb 2013